LIMID e belege Kgalagadi
27 Mar 2014
Lenaneo la temo thuo la LIMID bogolo jang la thuo ya dihutsane le ogotse ba le bantsi mo lehumeng mo kgaolong ya Kgalagadi borwa.
Banana le bagolo ba ikopetse lenaneo leo ka dipalo tse di kwa godimo ka ba lemoga fa le le bogadi bo gaufi e bile kgaolo ya bone e siametse thuo ya dihutsane. Mme Elizabeth Matthys wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe mo motseng wa Struizendam ke mongwe wa ba ba akotseng lenaneo la LIMID.
Mosetsana yo, o ne a latlhegelwa ke batsadi ka bonana e bile a tlhaeletse mo tseleng mo dithutong tsa gagwe. Mme o ne a seka a dia nako morago ga go utlwalela ka lenanaeo la LIMID mo phuthegong ya kgotla.
Mo dithutong o feletse ka lolwalo lwa boraro mme a lemoga fa mpuru a faratswe, a inaakanya le lenaneo la Ipelegeng ka jaana ditiro di le boutsana go bonwa mo motseng wa bone. Ya re morago ga go utlwalela ka lenaneo la LIMID a seka a ipona tsapa, a ikopanya le balemisi ngogola mme ka lesego kopo ya gagwe ya atlega.
Mme Matthys a re o ne a fiwa dinku di le lesome le bofera bongwe mme mo nakong e khutshwane di bo di setse di ntsifetse go tshwara masome a mabedi le botlhano. O tlhalositse fa ana le bana ba le babedi, e bile a kgona go rekisa go rekela bana ba gagwe paka ya sekole.
“Lenaneo le le mpelege fela thata, ka bana ba me ga ba wele mo isong ka ke kgona go rekisa ke ba rekele phaletshe”, a tlatsa jalo ka monyenyo. Mme Matthys o tsweletse a tlhalosa fa pele a ne a ikaegile ka batsadi ba gagwe mme jaanong dilo di fetogile.
A re o itumelela gore bo mogolowe ba mo eme nokeng ka jaana ba mmatletse motho yo o mo thusang go tlhokomela dinku tseo ka ene a na le kgwetlho ya go tlhokomela bana. Mme Matthys a re, go rua dihutsane ke selo se se motlhofo ka ga sa tlhoke gore motho a ye sekoleng.
A tlatsa ka gore e rile bangwe ba tsenelela dithuto ka nako ya pitso ya nyeletso lehuma ene ga aka a bona sebaka sa go tlhatlhelelwa kitso. A re thuo ya dihutsane mo kgaolong ya bone ke selo modiro ka jaana ba gola ba fitlhela batsadi ba bone ba ikaegile ka leruo, mme ke ka moo bontsi jwa banana ba kgonang go ikopela dihutsane.
A re o dumela gore mo nakong e e tlang o tla balelwa mo bahumeng ba motse mme a kgone go thusa baikopedi ba ba tswang kwa tlase. Le fa gontse jalo, baeteledipele ba metse mengwe mo kgaolong ya Kgalagadi, ga ba kgale mathe go galaletsa puso ka lenaneo le le ntle leo, ba supa fa e le ruri le ba belegetse morafe ka ba ithetse mo go lone mme ebile le dira pharologanyo mo matshelong a bone.
Kgosi ya Struizendam, kgosi Isaac Titus a re e re ntswa motse wa gagwe o aparetswe ke botlhoki le letlhoko la ditiro, o itumelela thata lenaneo la LIMID gore le arabile selelo seo. A re go a nametse ka jaana banana ka bontsi mo motseng ba tsibogetse lenaneo leo e bile ba tsweletse sentle ka ba kgona go inosa metsi.
Kgosi Titus a re e re ka e le tiro ya bone dikgosi go netefatsa gore matshwelo a morafe a tokafala, ba dira ka natla go rotloetsa morafe go inaakanya le mananeo a puso ka e le one a ka ba ogolang mo lehumeng.
Kgosi Titus a re le ba ba dirang mo Ipelegeng ba netefatsa gore lemmenyana le ba le bonang ba le dirisa ka fa go tshwanetseng. A re pele ga puso e simolodisa mananeo, bontsi jwa batho bo ne bo wela mo isong ka go ne go sena sepe se ba se dirang.
Kgosi ya motse wa Khuis, Kgosi Gilbert Botsheleng a re e sale lenaneo le simolola batho ka bontsi ba inamotse mo tlaleng. A re sebe sa phiri ke leuba le le apereng kgalo ya bone mme a supa fa metlha e se ya maloba.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Struizendam, Rre Jane Matthys a re ba dira ka natla go sala baikopedi morago go netefatsa gore ba tlhokomela leruo leo ka ba eletsa go bona lenaneo le dira pharologanyo mo matshelong a banni.
A re ba ba tlhola kgapetsa kgapetsa go bona dikgwetlho tse ba kopanang natso le gone go ba akantsha gore di ka rarabololwa jang. A re e re lentswa kgolo ya bone e tshabelelwa ke leuba, ga le babalele thata thuo ya dihutsane ka jaana di ja setlhare sa Sexanana.
Mmaboipelego wa kgolo, Mme Tlhopho Ntwayapelo a re batho ba le bantsi ba bone thuso ya thuo ya dihutsane. A re kwa Struizendam le Bokspits, go thusitswe batho ba le batlhano motse mongwe le mongwe, Rapelspan ba ferabobedi fa kwa Vaalhoek ba thusitse baikopedi basupa.
A re ke boaamaruri thuo ya dihutsana e dira go tlala ka diatla mo kgaolong le ntswa metsi e le kgwetlho. A re le fa ntswa batho ba ise ba aloge mo lehumeng, ba na le tshepo ya gore mo nakong e e tlang lehuma e tlaa nna selo sa maloba mo kagolong.
Mme Ntwayapelo a re sebe sa phiri ke gore bangwe ga ba tlhwaafalele go tlhokomela leruo la bone gore lo ntsifale. Mogokaganyi wa tsa temo thuo mo kagolong ya Kgalagadi, rre Nkaigwa Joel le ene o ne a iteela kobo moroko a tlhalosa fa batho ba tsibogela thata lenaneo la LIMID wa bobedi.
A re ngogola ba thusitse baikopedi ba le 2449, mme mo palong eo baikopedi ba le 1579 ba setse ba neetswe tsotlhe tse ba di tlhokang. A re ba le 640 ga ba aka ba tsaya dithoto tsa bone ka mabaka a bone le gore lobaka la ikopelo le ne le wetse.
Rre Joel a re, ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba jang puso ntsoma, a tlhalosa fa batho bao ba dirisanya le barekisi ba leruo. A re ba setse ba begetswe dikgang di le mmalwa kwa metseng ya Khawa le Struizendam, mme ba setse ba ikgolagantse le ba sepodise ka jaana seo e le bogodu.
A re kwa motseng wa Omaweneno, gone ba lemogile fa leruo le le filweng baikopedi le rekisiwa. O supile gape fa ba sa jesiwe diwelang ke banana bangwe ba ba setseng ba filwe leruo mme ba le phuagantse ka ba bone mafulo a matalana.
Rre Joel a re, ba motlotlo ka bangwe ba baikopedi ba alogile mo lehumeng mo ba kgonang go dira ditiro tse di bonalang jaaka go ikagela bonno le go rekisetsa baikopedi ba bangwe. Fa a tlhalosa ka lenaneo la ISPAAD, Rre Joel o boletse fa lone le sa dire sentle gotlhelele. A re ngogola balemi bangwe ba ne ba baya ditemanyana mme thobo ya bone e ne e sa nametse ka e ne e le kwa tlase.
A re lephata le tsere tshwetso ya go ba rotloetsa go rua dinku tsa Karakul gore ba kgone go rekisa matlala a tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : BOKSPITS
Event : Interview
Date : 27 Mar 2014