Breaking News

Barutabana ba Borwa ba ipelela phenyo

01 Apr 2026

Barutabana ba sekole se segolwane sa Borwa Junior Secondary mo Kgatleng, ba akgoletswe go bereka ka natla, go bo sekole sa bone se dikile se dirile sentle thata mo ma duong a Junior Secondary ka ngwaga wa 2025.

Mo moletlong wa go lemoga tiro ya barutabana wa dietsele, dijo le dino, mogokgo wa sekole Mme Thatayotlhe Motswagothata o boletse fa go feta seelo sa kgaolo sa 40 per cent se ba neng ba se beetswe, ele maduo a go dira ka natla le go itlhora boroko ga barutabana.

Mme Motswagothata a re moletlo wa go lemoga barutabana o botlhokwa thata mo dinakong tsa gompieno tse go tsholediwa maemo ma ditirong go seng bonolo.

A re ele barutabana ba Borwa ba bone gore ba iteboge gore ba tswelele ba tokafatsa maduo a tsweletseng ka go wela tlase lefatshe ka bophara.

“Ke tsaya nako e go le leboga ka jaana ga go na se ke ka le se direlang, mme gore re bo re kgobokane fa go itumela, ke yone tebogo e kgolo e ke ka e kgonang, A re tsweleleng go bopa bana mmogo,” ga buwa jalo mme Mootswagothata.

Moeteledipele wa dikole tsa Dawn Bell Academy, Mme Ndiko Muzila ene o rotloeditse barutabana gore ba seka ba tsenwa  ke boitlhobogo, ka fa tlase ga diemo tse di bokete tsa itsholelo, le gore ba eteletse Modimo mo go tsotlhe.

Mme Muzila o boletse fa go ruta bana ba ba tswang kwa malwapeng a farologaneng go se bonolo, mme a lebogela popagano ya barutabana le go dira ka natla.

O ne a abela sekole mpho ya P10 000 gore ba ithuse mo go tse di tlhokwang, a ba a solofetsa fa atla nna a ba tela go iponela le go lemoga dikgwetlho tse ba di ralalang,

Kgosi ya Bokaa, Kgosi Sue ene o boletse fa ele sekao sa dialogane sa sekole sa Borwa, mme a bolela fa sekole se se tsweletse ka go iteka go dira bontle.

Le ene o ne a opela barutabana legosi a re ba tswelele ba dira ka natla. Sekole sa Borwa se dikile se fetile seelo sa 40 per cent (pass rate) mo matshwaong a A, B, le C a baithuti ele selo se se neng se beetswe kgaolo ya thuto ya Kgatleng. ENDS

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Bokaa

Event : Moletlo wa go lemoga tiro ya barutabana

Date : 01 Apr 2026