Batlhophi ba gakololwa go apara sentle
30 Oct 2024
Motsamaisa ditlhopho kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Sepopa/Ikoga, Mme Alice Lushiba a gakolola motlhophi gore mebala ya diaparo tsa gagwe ga e amogelesege mo matlhophelong.
Motlhophi o ne a gakololwa go apara mebala ee siameng.
Kwa Mahalapye Botlhaba, mo kgotleng ya Setsile, motsamaisa ditlhopho, Rre Boitumelo Dambe le mapodise ba tlhalosetsa motlhophi gore sekhukhu sa gagwe ga se letlellwe mo ma tlhophelong. Mme o ne a kgona go tlhopha, morago ga go tlhalosa gore sekhukhu seo, o ne a sa si hiwe ke epe phathi, mme a se rekile kwa lebentleng la dithoto tsa ntlo.
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Ikoga
Event : Elections
Date : 30 Oct 2024
Related News
09 Nov 2026
President Boko to apprise nation
02 Nov 2026
BNF advocates policy shift
24 Oct 2026
BNF shifts focus to economic emancipation
20 Oct 2026
Botswana embassy in Moscow opens soon
12 Oct 2026






