Metsi ke kgwetlho kwa Kuke
16 Jan 2014
Metsi ke botshelo jwa motho, diphologolo, dijwalo le tsotlhe fela tse di hemang phefo.
Nako ke ya sethoboloko mo phatlheng, letsatsi le tserema mo o ka sekeng o solofeleng go bona ope a tsamaya tsamaya mo gare ga motse, mme se ke diphirimisa fela kwa motseng wa Kuke. Ngwana le mogolo ba tletse mo motseng ka dikupu, diemere le mabotlolo, ba tswa ka fa ba tsena ka fa ba le mo patlong ya thothi.
Motse wa Kuke mo kgaolong ya Ghanzi o aparetswe ke letlhoko le legolo la metsi mo le Kgosi a feletsweng ke maano a go tlamela batho ba gagwe. Go thibile fa pompong ya setshaba e e fa gare ga motse, pompo e dikaganyeditswe ke dikupu tse di lephutshe le boshibidu le diemere tse ditshweu ba letetse thothi ka jaana koloi ya WUC e tla ka nako ya bongwe motshegare.
Bangwe bone ba tletse le motse ba ile kwa ofising ya ba lephata la matlhoko a leruo go ya go kopa metsi teng, fa bangwe ba tlhagela gone kwa dikantorong tsa dikamore tse di tlhapelang tsa babereki (showers) go ya go batla madi. Rre Xhoqao Xhaega yo o neng a ile kwa diofising tseo, o ne a supa fa le sone sekupu se a setshotseng se sa tle go lekana ba lelwapa la gagwe.
Rre Xhaega wa bana ba batlhano a re ba sokola fela thata ke letlhoko la metsi mo motseng wa Kuke, a tlatsa ka gore ba bona metsi fela fa motswa setlhabelo mongwe fela kwa diofising tseo a ka ba tlhomogela pelo. O ne a tlhalosa fa go se motlhofo ka e bile fa dikgomo di tsile mo dikwaranting ga go na kwa ba bonang metsi teng, fa e se kwa pompong ya setshaba e le yone go seng motlhofo go tswa ka thothi.
“Monyana go maswe …re a sheta moo, phakela re phimola bana dithoko ka mafura gore bogolo ba lebege ba ye sekolong, go botlhoko, ga bua Mme Magena Senyemba yo o kayang fa a nna kgakala fela le diofisi tse, o tshotse kgamelonyana ka ke yone fela e a ka kgonang go ralala motse a e rwele mo tlhogong. Mme Senyemba o tlhalositse fa se e le tiro ya letsatsi le letsatsi ka jaana go fola kwa pompong go le dingalo mo bagolong ka go le dintwa go betswa lebole le le kopaneng le ditlhapa go tswa mo bananeng.
O ne a bolela gore, “Bana ba ya sekolong ba sa tlhapa le rona ga re sa tlhapa ka go tlhapa e le monate fela e se tshwanelo, re kgona go tlhapa ka metsi a le mangwe re le barataro mo lapeng, ga go monate le eseng.” O tlhalosa fa se se botlhoko gape e le gore mo go ba ba nwang dipilisi tsa diritibatsi ba dinwa ka tee e e tsididi ka go sena metsi. A re ba nwa tee go fetisa borotho fela gore ba seka ba kgamiwa mme go tswaa foo ba a e baya,
A re bone e bile ba eletsa go boela kwa mafatsheng a bone a tlholego ka gone ba sa sokole ka metsi ka go na le didiba tse di nosang leruo la bone. Fa o batla go utlwa botlhoko, go bo go na le motsetsi, mogolo kgotsa molwetsi mo lapeng, tshotlego yotlhe ya letlhoko la metsi e a bonala, a tlhalosa jalo. Mongwe wa ba baneng ba letile ka dipelo tse di botlhoko fa pompon, mme Keemetse Bajaki o kaile fa a sa le a fodisa sekupu sa gagwe ka nako ya bobedi makuku mme a fitlhela tse dingwe go emela koloi e e tlang motshegare ka nako ya bongwe.
Mme Bajaki o supile fa ba sa robale mme go sena se ba ka se dirang ka gore metsi e le one botshelo ja motho. O ne a tlhalosa gore ba setse ba itlhobogile e bile ba tlwaetse botshelo jwa teng, mme ba utlwisiwa botlhoko ke gore bone o ka re ga se banni ba Botswana. Le ene fela jaaka Mme Senyemba ba setse ba tlelwa ke mogopolo wa go ntsha bana mo dikolong go ya go nna kwa merakeng kgotsa dipolaseng ka ga go sokolwe ka metsi teng.
O ne a tlatsa gore bana le bone ga ba dumele go ya sekolong ba sa tlhapa, ka ba kopana le ba ba tlhapileng. Rre Kebogisitswe Moitshoko ene o ne a supa fa seemo se se mo utlwisa botlhoko fela thata, e bile ba sa itse gore gatwe ba itireng. Rre Moitshoko yo e neng e le ene wa ntlha mo moleng wa dikupu, a re o sa le a tsogile bosigo gare go ya go fola. O ne a tlhalosa fa seemo sengomola pelo bogolo jang fa go na le dintsho a re ga gona sepe se se ka dirwang go sena metsi. A re le one metsi a a tlang ka di baosara ga a lekane motse, ka koloi e tla ga nngwe fela mo letsatsing, a tlatsa ka gore fa e ne e ka tla gabedi go kabo go le botoka fela thata.
O supile fa seemo se se sale se fetoga fa kompone ya WUC e simolola go laola metsi mo dikgaolong.
“Pele pele re ne re nwa metsi sentle e bile re eletsa mananeo a nyeletso lehuma gore a ka tla kwano, jaanong ke poelo morago fela re bolawa ke lenyora,” ga bua jalo rre Moitshoko.
Rre Moitshoko yo o neng a bua a shakgetse a sena boiphitlhelo o ne a supa fa ba nkga leswe fela ntateng ya go tlhoka metsi.
Fa ba BOPA ba ntse ba bua le bone, koloi ya kompone ya metsi (WUC) ke fa e tsena ka motse, mme ya se ka ya thusa sepe ka bangwe bane ba boela kwa malwapeng ba iphotlhere, mme jaanong ba tshwanelwa ke go emela bosigo gare go tla go fola gape. Kgosi Montshonyana Nxhogae o boletse fa letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe le tshwenya fela thata. A re o lekile go bua le botlhe ba ba lebaganeng go tshwana fela mme e bile ga go na sepe se se tokafalang.
O ne a tlhalosa gore mo ditsong tsa motse wa gagwe ba simologile ba na le didiba di le pedi tse di neng di nosa banni le loruo lwa bone, mme gompieno ba nosiwa ka bowser, go supiwa fa didiba dikgadile. Kgosi o ne a tlatsa ka gore le yone bowser ya teng ga e lekane motse wa gagwe le eseng, ka gape e thusa le kwa sekolong. A re sediba se go bolelwang sekgadile ke ba koporasi ya metsi ba sale ba se dirisa ka 1977, mme ba khansele bone ba supa fa sena le metsi a mantsi mme a le ko tlase.
Kgosi o ne a supa fa morafe wa gagwe o sa kgone go itirela sepe ka jaana le one mananeo a nyeletso lehuma ba sa kgone go a dira ntateng ya letlhoko le legolo la metsi. Kgosi o ne a supa gape gore ba lephata lone le la metsi ba kile ba dira maiteko a go ya kwa beng ba didiba dingwe kwa dipolaseng go kopela morafe metsi mme dipuisano tsa seka tsa tsamaya sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : GHANZI
Event : Polelo
Date : 16 Jan 2014






