Breaking News

Lemme ga le bolae ...

14 Jan 2014

Fa go na le sengwe se nako nngwe Batswana ba le bantsi ba ka se tlhalosang ka puso ya Botswana ke mananeo a a sa feleng le dikungo tsa one bogolo jang lenaneo la nyeletso lehuma.

E re ka puso e phutholotse letsogo go namola ba le bantsi mo lehumeng, banni ba D’Kar kwa kgaolong ya Ghanzi le bone ba mo palong ya batho ba ba akolang monate wa lenaneo le.

E rile fa lenaneo le simologa bomme ba le bararo, Mme Ester Kase, Mme Qasa Qota le Mme Sarah Johannes baa bona dithuto tsa go ka itshimololela dikgwebo tsa dipelo tsa bone.

Fa ba sena go ya dithutong tsa beke, bomme ba ba ne ba bona dithuso go itshimololela dikgwebo tse ba ithusang ka tsone go ka tokafatsa matshelo a bone le ba malwapa a bone. Mme Kase le Mme Qota ba ba itshetsang ka kgwebo ya go duba borotho ba tlhalositse fa ba simolotse kgwebo e ya bone ngwaga o o fetileng.

Mo potsolosong, Mme Kase o ne a tlhalosa fa a simolotse  a na le setlhopha sa bomme ba fera bobedi mme jaanong ba setse ba le babedi fela le Mme Qota fa ba bangwe ba dule.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba itlama gore e re ka puso e otlolotse letsogo e bile ba babaletswe ke manokonko a go tlhoka ditiro ba dirise sebaka se ba tshware ka thata.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa ba ise ba simolole go apaya borotho jwa dilofo mme ba apanya magwinya fela ka ba sena fa ba direlang teng. O ne a tlhalosa gore kgwebo e tsamaya ka bonya fela thata mo motseng wa D’Kar ka ba phadisanya le ba dimausu go rekisa dikuku tsa bone. O ne a tlatsa ka gore se se dira gore kgwebo ya bone e seka ya dira sentle.

Mme Kase a re mathata ke gore ba filwe lefelo kwa sekoleng se se botlana go ka simolola kapei e ya bone, mme sebe sa phiri ke gore ga gona tlhokomelo e e siameng le ntswa ba dira ka gotlhe go tlhokomela kago e ya bone.

“Bana ba sekole ba a re senyetsa e bile ba e dirisa tikologo ya yone ka fa go sa siamang, ka jalo re apeela kwa malwapeng mme re tsamaye mo motseng re rekisa ka diemera,” a tlhalosa.

Go bona gore re bona dipoele, Mme Kase o ne a tlhalosa gore puso  le ka thuso y abo mmaboipelgo ba a leka ka bojotlhe go ba thusa ka e bile ke bone b aba jesang ba sekole sa motse wa bone borotho laboraro le laboraro mongwe le mongwe wa beke.

Mathata ke gore ka re tshwanetse go supply diloaf re bolaiwa ke tsela go ya Ghanzi re ya go reka kwa mabentleng a magolwane a tshwana le Choppies ka rona ga re ise re bo re simolole go apaya. O ne a tlhalosa fa ba ne ba seka ba ipona tsapa mme ba ne ba emela thuso ya  bommaboipelego go bona lefelo le le siameng.

Ba setse ba bone setsha mme ba na le tsholofelo ya gore gongwe ba ka agelwa ntlwana ya go ka simolola marekeisetso  a bone. Mme Johannes yo ene a itshetsang ka kgwebo ya go dira meriri le ene fela jalo o leboga puso go bo e sa ipona tsapa mme ya ba thusa go inamola lehuma.

O ne a tlhalosa fa ene a sa le a tswa kgakala a rata go dira moriri mme a sa itse gore a ka dira jang ka a ne a na le letlhoko la madi. A re kgwebo e ya moriri e mosologela molemo fela thata ka e bile ele ene fela mo motseng a e dirang, ka le banni ba ne ba itse fela gore go dira moriri motho o tshwanetse go ya Ghanzi.

Mme Johanness o ne a supa gore mathata a ba nang le one mo motseng bogolo jang a kgwebo ya gagwe ke go tlhoka lefelo, ka jaana a direla mo lapeng. Bommaboipelego ba ne ba mo thusa go bona fa a ka direlang teng, mme mathata ke letlhoko la metsi le motlakase kwa dikagong tse ba di boneng.

A re letlhoko la di gopa metsi a a leswe ke lone gape le mo pateletsang go direla kwa lapeng, a tlatsa ka gore kwa lapeng o sokodisiwa ke go tlhapisa batho ka jaana a sena sekotlele se se siameng se se dirisiwang mo dikgwebong tsa moriri ka bontsi.

O ne a tlhalosa gore puso e mo thusitse fela thata, ka go simolola kgwebo e ya gagwe ka madi a a tshwarang P13 450. A re ka madi a, o ne a kgona go reka didirisiwa  tsa kgwebo.

Le fa go ntse jalo, Mme Johaness a re o ka eletsa go isiwa kwa dithutong tse dingwe go ya go ithuta go loga, ka kgwebo e, e batla motho a na le boitseanape  jwa go loga meloga ya segompieno e ba le bantsi ba e ratang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : D\'KAR

Event : Tekodiso

Date : 14 Jan 2014