Breaking News

Ba Dikwididi ba lela ka letlhoko la ditlhabololo

21 Apr 2024

Banni ba Dikwididi ba re motse wa bone o saletse morago ka ditlhabololo. 

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule ka Labone, ba boletse fa ba le ka fa mosing ka jaana ditlhabololo di bonelwa kwa metseng e e mabapi. 

Kgosi Letsebe Mpete a re motse o tlhaelelwa ke metsi, ga o na mmaboipelego e bile ditsela tse di gokaganyang Dikwididi le metse e mengwe di le mo seemong se se sa itumediseng.

Fa ba akgela, banni ba boletse fa ba tswa kgakala ka selelo sa metsi a a sa gorogeng kwa dikgotlaneng dingwe tsa motse oo. 

Banni ba re lekgotla la kabo ditsa le lone le ntse moriti o tsedidi mo go abeng ditsha, selo se sa ba itumediseng. 

Ba kopile gore motlobo wa dibuka o bulwe gore ba kgone go ya go utlwa ka mananeo a puso le tse dingwe. Ba ne gape ba bolela fa ba sale ba letile go dirwa ga tsela ya Modipane-Ntswanalatheku ka e ka ba fefosetsa mesepele go ya Gaborone le metse e mengwe ya Kgatleng. 

Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente Pule o rotloeditse banni go emisa go rekisa masimo a bone, mme gape a ba rotloetsa gore fa ba batla go rekisa, ba a busetse kwa go ba kabo ditsha ka ba reka ka tlhwatlhwa e e letlelesegang. 

Fa a ba lekodisa ka tse di buisantsweng kwa Palamenteng e e fetileng, o boletse fa go okeditswe dikatso tsa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, bagodi le tse dingwe. 

Rre Pule o boletse fa tsela ya Modipane-Ntswanalatheku e tla dirwa ka lenaneo la Development Manager Model mo bogautshwaneng. 

Mopalamente o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho mo ikwadisong ya tlaleletso e e simolotseng Motsheganong a le 20 go fitlha di 31 ka dipalo. 

O ba boleletse gore lenaneo la Chema Chema le tsweletse, mme ba ba lebanyeng ba tlaa ba etela go ba itsise ka lone gore le bone ba le dirise go godisa le go tlhabolola dikgwebo potlana tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2024