Balwetse ba tlhoka ditirelo tsa boleng
12 Mar 2024
Badiri ba botsogo go tswa mo Kgalagadi South District Health Management Team (DHMT) ba kgothaditswe go dira tiro ya bone ka manontlhotlho ba beile kwa pele go neela balwetse ditirelo tsa maemo a a kwa godimo ka dinako tsotlhe.
Se go tlhalositswe fa se ka fokotsa dingongora tse gantsi di tswang mo balwetseng ka go tlhoka go thusiwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Motshwarelela mokwaledi mo lephateng la makgotla a Setswana Mme Gracious Mantries o buile jaana ka Labotlhano kwa moletlong wa go ipelela badiri ba ba dirileng bontle mo lephateng la botsogo mo ngwageng wa 2023/2024.
O ne a rotloetsa badiri go baya kwa pele lenaneo la ga Tautona la A re Chencheng ka ba ka ntsha maduo a a ka solegelang setshaba molemo.
Mme Mantries o ne a supa fa ba lephata la botsogo ba tshwanetse go itlama go tshwara ka matsetseleko le go ela tlhoka sengwe le sengwe se se amang botsogo ka go ntsha ditirelo tsa maemo a a kwa godimo tse di salwang morago ke dipego tsa tlhwatlhwa le go tshwara diphiri tsa balwetse gore ba kgone go ba tshepha.
O ne a supa fa e le lephata la botsogo ba tshwanetse go bulela balwetse dikgoro e seng fela mo kalafing le go thusa ka monyenyo, tlotlo, seriti le go ba thusa ka matlhagatlhaga ka nako tsotlhe.
Motshwarelela mokwaledi mo lephateng la makgotla a Setswana mo Kgalagadi Borwa o ne a supa fa lenaneo la ga tautona la tlhomo ntsha le setse le na le maduo ka go sireletsa setshaba mo malwetseng a a sa tshelanweng go balelwa le COVID-19. O ne a supa fa segajaja sa bolwetse jwa Corona se ne sa ama dikhamphani le maphata ka go farologana le setshaba ka kakaretso mme le fa go ntse jalo o ne a akgola seabe sa Kgalagadi South (DHMT) ka go kenta bontsi jwa morafe, seo e le go supa maitlamo le go dira ka natla.
O boletse fa lephata la botsogo le tsentse mo tirisong ditirelo tsa maranayane ka lenaneo la Reset Agenda go tsamaisa ditirelo tsa botsogo di akaretsa Integrated Patient Management System (IPMS), District Health Information System (DHIS) le Patient Information Management System (PIMS) tse e leng tsone di thusang go ntsha dipego tsa tlhwatlhwa e bile ba dira tiro ya bone ka fa go tshwanetseng ka teng le gone go tshwara diphiri tsa balwetse.
Mme Mantries o ne a tlatsa ka go gwetlha Kgalagadi South DHMT go tshwaragana le ba-na-le seabe botlhe mo go tlhomamiseng gore ba tsamaelana le setlhogo sa letsatsi leo sa Go Fetola Dikakanyo ka go Ntsha Dipego tsa Tlhwatlhwa, ka seo se ka ba thusa go fitlhelela maitlamo a 2036 a setshaba se se itekanetseng.
Fa a amogela batsena moletlo wa kabong dietsele tsa lephata la botsogo, modulasetilo wa komiti ya ba botsogo, Moruti Lucky Lorekang o boletse fa go le botlhokwa go tiisa moko bodiredi go ba thusa go ntsha maduo ka fa go eletsegang ka teng.
Moruti Lorekang o ne a kgothatsa bodiredi mo kokelong ya Tsabong go dira ka natla dinako tsotlhe ka matshelo a balwetse a le mo diatleng tsa bone le fa ba na le dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa le tse dingwe.
O ne a akgola badiri ba ba ititeileng sehuba go direla mo Kgalagadi mme a ba kgothatsa go fetola dikakanyo tsa setshaba ka ba itsiwe ka maduo a a kwa tlase.
O ne a akgola botlhe ba ba amogetseng dietsele go tswelela ba dira ka botswerere, a supa fa seo gape se ba thusa gore ba bereke ba phuthologile ba sa kotlomela maikutlo.
Bafenyi ba ne ba abelwa dikopi le ditlankana go ba lebogela tiro e ntle, fa lenaneo la Health Promotion le ne la nna le le gaisitseng, mme lekalana la Radiology le ikgapetse maemo a ntlha.
Kisa Health Post e ne ya ikgapela maemo a ntlha fa kokelwana ya Bokspist e ne ya ntsha tlhogo mo go tse dingwe, best Performing Facility ya gapiwa ke kokelwana ya Draihoek, best Performing catchment ya ikgapelwa ke Werda.
Fa a leboga, Mme Gaboelwe Rammekwa o ne a supa fa dietsele tse e le tsa ntlha go tshwarwa fa e sale ka 2020 ka lebaka la segajaja sa COVID-19.
Mme Rammekwa o ne a galaletsa ba ba kgonneng go ikgapela dietsela mme a ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla le go bereka ba tshwaraganye go fokotsa dikgang tse gantsi di ba supang ka monwana ka go tlhoka go neela setshaba ditirelo tse di maleba le ka nako e e tshwanetseng.
Rre Phineas Otlaadisang yo e leng mokgweetsi o ne a supa boitumelo a re seetsele se se faphegileng se a se neetsweng se mo tiisitse moko thata mme a tlaa tswelela a ntsha ga tshwene mo tirong ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Moletlo wa go ipelela badiri
Date : 12 Mar 2024








