Breaking News

Magosi a gatelela botlhokwa jwa go sireletsa tshimo

03 Mar 2024

Kgosi Tlhako Motlhasedi wa Tobane  a re go botlhokwa gore banni ba metse e e gaufi le Selebi Phikwe ba netefatse gore ga go na sepe se se tlaa kgoreletsang katlego ya tshimo  ya maungo a sika-loo namune e e setseng e bereka e bile e buletse bangwe diphatlha tsa mebereko.

Kgosi Motlhasedi o buile jaana  mo potsolotsong boshemg, a supa fa go le gantsi fa tlhabololo ya go nna jaana e goroga mo lefelong, bangwe mo motseng ba raelesega go inaakanya le ditiro tsa botlhoka -tsebe di akaretsa bogodu jwa dithoto fa bangwe ba rotloetsa tshenyetso setshaba.

Ka jalo, o ne a kgalema a sa kgwe mathe, a supa fa mekgwa eo, e e duleng mo tseleng,  e ka busetsa maiteko a puso morago tebang le ditlhabololo tsa metswedi e beng-gae ba ka itlhotlhorang lehuma ka yone.

A re botlhe ba ba sa bonang sebaka sa go thapiwa mo tshimong eo ba seka ba felelwa ke tshepo ba tswelele ka go kopa thuso le go batla metswedi e e tlhamaletseng e ba ka anywang sengwe mo tshimong eo ka yone.

O ne a gakolola gore batho ba seka ba remelela fela mo go batleng go thapiwa.

A re bangwe ba ka tlhabolola mafelo a bone a bonno go ka hirisetsa babereki ba ba senang bonno mo toropong, se e le mongwe wa menyetla e e tsisiwang ke go nna teng ga tshimo eo ya maungo.

Go sale foo, Kgosi Ishamel Legwaila wa Botshabelo mo Selebi Phikwe o boletse fa botlhoka-tsebe jo bangwe ba ka raelesegang go bo dira e tlaa bo e le go itshenyetsa go ka akola menyetla e e ka bonwang mo tshimong eo le gone go isa setho sa bone kwa tlase.

Kgosi Legwaila a re baeteledipele ba eme malala a laotswe go dira ka gotlhe go lwantsha bo-tlhoka tsebe jo bo ka tlhagogang, a supa fa ba solofetse go le gontsi go tswa mo tshimong eo.

Mo go tse dingwe, Kgosi Legwaila o ne a supa fa go ka tsosolosiwa dikoparase mo metseng kgotsa ga tlhangwa tse go ka itirelwang letseno ka tsone.

A re mo maitekong a go rotloetsa banana go itirela dikgwebo, gangwe le gape boeteledipele jwa motse bo dira pitso mo kgotleng mme go lalediwe makalana ka go farologana a a rotloetsang itlhamelo dikgwebo go lebilwe menyetla e e setseng e le teng mo metseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 03 Mar 2024