Fetolang dikakanyo - mogolwane
12 Feb 2024
Babereki ba lekgotla la kabo ditsha mo Kgalagadi ba kgothaditswe go tshela lenaneo la ga Tautona la fetola dikakanyo le ka fa ba dirang dilo ka teng tsatsi le letsatsi ka seo se ka thusa mo go ntsheng maduo a a eletsegang mo tirong le gone go fitlhelela maitlamo a bone.
A re go fetola dikakanyo go ka ba thusa go gorosa ditirelo le ditlamelo kwa Batswaneng ka fa go tshwanetseng ka teng. Kgothatso e e builwe ke molomaganya ditirelo tsa botsogo mo kgaolong ya Tsabong, Mme Gaboelwe Rammekwa kwa kabong dietsele tsa badiri ba lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi ba ba dirileng ka bonokopila mo ngwageng wa madi wa 2022/2023 e le la ntlha morago ga segajaja sa COVID-19.
O boletse fa lenaneo la ga Tautona la tlhomo ntsha le supa fa setshaba se tshwanetse go akanya mo go pharologanyo, selo se a supileng fa puso e setse e dirile bontle ka go sireletsa Batswana kgatlhanong le mogare wa Corona ka go fa batho mekento.
A re ba kabo ditsha ba atle lenaneo go gatela pele. Mme Rammekwa o ne a supa fa go le botlhokwa go tshwara moletlo wa dietsele go lemoga le go kgothatsa bodiredi ka morogo wa ngwana o sa tlhotshwe ditlhokwa, a supa fa go fetola dikakanyo, maikutlo le boitshwaro go ka nna le seabe mo go godiseng itsholelo ya Botswana go tswa mo go e e fa gare go ya kwa go e e kwa godimo.
Mme Rammekwa o ne a popotha legetla lekgotla la kabo ditsha ka le setse le inaakantse le tiriso ya maranyane, selo se a supileng fa se tlaa tokafatsa ditirelo tsa bone.
Fa a amogela baeng, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, Rev. Sylvester Tselaesele o ne a tlhalosa fa maikalelo a puso e le go lemoga maiteko a badiri ba a dirang fa ba direlang teng, a supa fa se, se se motlhofo go ka dirwa mme go fetola dikakanyo e le leotwana la go betla tsela ka fa go dirwang dilo ka teng. Rev. Tselaesele o boletse fa maitlamo a lefatshe a 2036 e le one konokono mo go fitlheleleng itsholelo ya lefatshe mo ngwageng oo go ya kwa pele.
A re ba ka fitlhelela seo fa badiri ba ka goga mmogo go dira botoka go gaisa mo nakong e e fetileng. A re jaaka tautona a buile fa a simolodisa A Re Chencheng, maduo a a kwa tlase a tlaa fetoga go nna maduo a a kwa mankalenkaleng.
Modulasetio o ne a tlhalosa fa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le itemogetse diphitlhelelo tse dintsi le ntswa didirisiwa e le tse di lekanyeditsweng, a supa fa mo ngwageng o o fetileng ba kgonne go aba ditsha di le masome mane le boferabongwe kwa Lokgwabe mo lekgotleng la kabo ditsha le le botlana la Hukuntsi.
O boletse fa bosheng ba abetse banni ba Khuis dietsele di le masome mararo le botlhano, a supa fa seo e le phitlhelelo e kgolo le ntswa ba ne ba na le dikgwetlho tsa motlakase le maranyane mme a rotloetsa le go akgola botlhe ba ba amogetseng dietsele go tswelela ba tshwere ka natla ka seo se ka thusa mo katlegong ya lekgotla leo. Rev. Tselaesele o ne a kgothatsa ba ba sa amogelang gore ba seka ba itlhoboga le go kgobega marapo mme ba tswelela ka go itoma molomo wa tlase ka tsholofelo ya gore letsatsi lengwe le tlaa ba tlhabela.
Fa a tswa la gagwe, mokgothatsi wa letsatsi, Rre John Tlhabano e le mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong eo o ne a kgothatsa badiri gore jaaka e le batlhokomedi ba lefatshe ba tshwanetse go rwala boikarabelo ka magetla jaaka letsatsi le letsatsi ba tlaa kopana le dikgwetlho tse ka tsone ba nnang le menyetla ya go dira diphetogo mo lefatshe le le ba dikologileng. Rre Tlhabano o ne a supa fa go fetola dikakanyo, megopolo le boitshwaro go le botlhokwa go diragadiwa mo botshelong jwa mongwe le mongwe ka go tsaya ditshwetso tse di maleba le gone go ikaelela go fetola ka fa dilo di dirwang ka teng e bile e le maitlamo le maikemisetso fa motho a leng teng go gola go ya pele.
O ne a supa Mind Set Change e le motheo le konokono mo go ntsheng maduo a a botoka e bile a eletsega mo tirong le gone go thusa mo katlegong le phitlhelelo ya maitlamo a lekgotla leo.
Rre Tlhabano o ne a kgothatsa badiri go dira ka natla, bonokopila le botswerere ka nako ba tshwaraganye e le setlhopha. O ne a kgothatsa badiri go itsaya motlhala mme ba boele kwa marakanelo a ditsela ka go tlogela megopolo ya go inyatsa, ba eletse go kopa tse dintle tse di dirwang ke badiri ba bangwe ka seo e le sone se ka ba godisang mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng tsa tsatsi le tsatsi.
O ne a rotloetsa badiri bao go tshwwara ka natla ka go le botlhokwa go eletsa tse dintle, go tlhabologa le go tokafala mo tirong. Badiri ba feta masome a mararo go tswa lekgotleng la kabo ditsha la Kgalagadi ba ba dirileng ka botswerere, le ba ba dirileng ka lebaka mo tirong ba ne ba atswiwa ka go abelwa ditlankana, dikopi le madi e le tsela nngwe ya go ba lebogela maduo a mantle le gone go ba tiisa moko.
Bangwe ba ba tlogetseng tiro le bone ba ne ba abelwa dimpho. Mongwe wa bone, Mme Mary Gabankalafe o ne a supa boitumelo a bo a leboga boeteledipele go ba lemoga fa ba ne ba bereka ka bonatla le ntswa ba tlogetse tiro ka bogodi, a supa fa ba tlaa inaakanaya le mananeo a puso go tokofatsa matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dietsele
Date : 12 Feb 2024







