Tshwaragano ke konokono
09 Jan 2024
Tshwaragano le go dira mmogo ka natla ke yone tsela ya go aga setshaba se se eletsegang le go tsisa ditlhabololo mo lefatsheng.
Mafoko a a builwe ke mopalamente wa Mogoditshane, Rre Tumiso Rakgare ka Mosupologo, mo phuthegong ya kgotla.
A re tshwaragano ke yone konokono mo tlhabologong ka jaana setshaba se tlaa goga mmogo se utlwana mme seo se tlhofofatse ditsamaiso le ditirelo go ya kwa bathong.
Rre Rakgare yo gape e leng Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, a re Botswana o se a leng sone ka Batswana ba ne ba tshwaragane e bile ba bopagane go aga Botswana yo ba mmatlang.
A re ka jalo banni ba Mogditshane le bone ba ka dira jalo ka go bopagana gore ba tshwaraganele tlhabololo ya motse wa bone ba bo ba fenye dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone.
Tona Rakgare a re 2023 o ne a na le dikgwetlho mo gare ga tsone, dikotsi tsa tsela tse di gapileng matshelo a batho.
A re dintwa tse di bakang dikgobalo tse di masisi le go nwa bojalwa phetelela go na le seabe mo go senyeng ledula le kagiso mo motseng wa bone.
O supile fa go nwa bojalwa phetelela go le borai ka monwi wa jone o tsena mo mathateng a sa lemoge mme bangwe ba felela ba baka dikotsi tse di gapang matshelo a batho.
Rre Rakgare o kopile morafe le banni ba Mogoditshane gore mo ngwageng o mosha wa 2024, ba tshwanetse ba dire mmogo gore ba fenye dikgwetlho tse.
A re go botlhokwa gore banwi ba bojalwa ba bonwe ka kelelelo mme ba itse gore ditshwetso tse ba di tsayang di ama matshelo a bone le masika tota.
Mopalamente o kopile banana go ema ka dinao ba itirela gore ba baakanye bokamoso jwa bone.
A re go botlhokwa gore banana ba tseye boikarabelo jwa matshelo a bone ba itse fa mosele wa pula o epiwa go sale gale.
O ne a supa boitumelo ka jaana tsela e e tswang fa Mogoditshane Pula Spar go ya Sengaparile kwa Mmankgodi e tlaa simololwa go dirwa mme seo se raya go le gontsi mo morafeng wa Mogoditshane ka tsela eo e tlaa tlhama ditiro ka go farologana.
Mopalamente a re o kopile ba ba filweng tiro ya go dira tsela e gore ba rurifatse gore banana ba kgaolo ya Mogoditshane ba ya go hirwa mo tirong eo.
A re seo se raya gore morafe o eme ka dinao go dirisa sebaka seo go dira letseno ka go rekisa dijo, dipalamo tsa setshaba le go firisetsa batho matlo a bonno.
Rre Rakgare o ne a tsaya sebaka seo gape go kgothatsa morafe gore ba ye go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo ka seo se ba fa sebaka sa go tla go tlhopha baeteledipele mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlang pele ga ngwaga ono o fela.
A re tlhopho ke thata e Motswana a e neelwang ke molao go tlhopha bateledipele ba ba ba eletsang go tsena mo pusong mme fa motho a sa ikwadisa ga a na monyetla wa go dira jalo.
E rile ba mo kgwa dikgaba, morafe o ne wa leboga mopalamente go bo a ba emetse ka dinao go ba thusa.
Rre Pitso Sekao a re mopalamente o ba emetse ka dinao mme e bile ditiro tsa gagwe ba a di bona.
Rre Vincent Letebele a re o tshwenngwa ke go latlhwa ga matlakala gongwe le gongwe bogolo jang fa Mogoditshane a kopanang teng le Gaborone.
O ne a kopa khansele go ema ka dinao go thusa go bepisa seemo seo.
Rre France Mogale a re ene o akgola mopalamente ka metshameko e a e ba direlang mme o itumeletse dikhwaere fela thata.
Mo kamogelong ya gagwe, Kgosi Prince Dihutso o ne a kopa morafe go tshwaragana gore setshaba se bopagane.
A re e re ka jaana Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a kopile Batswana go fetola dikakanyo le megopolo, ke nako ya gore le bone ba fetogele bontleng le ledula mo motseng wa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mogoditshane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Jan 2024








