Breaking News

Kgalagadi Borwa e tla agelwa sepatela ngwaga oo tlang

29 Dec 2023

Kgaolo ya Kgalagadi Borwa e tla agelwa sepatela ngwaga oo tlang.

Mopalamente wa kgaolo Rre Sam Brooks o supile fa kago ya sepatela seo sa malao a masome a marataro le boraro le matlo a badiri e le tharabololo ya dikgwetlho le ditshenyegelo tsa puso le balwetsi ka jaana ba ne latela kalafi kgakala.

Rre Brooks o buile se ka Labone fa a a abela balwetsi ba ba robaditsweng kwa kokelong maungo le dino tsididi e le tsela nngwe ya go ba supegetsa lorato ka ba ne ba sa kgona go keteka malatsi a boitapoloso le masika a bone ka ntlha ya seemo sa botsogo.

O ne a re o abela balwetsi gore ba seka ba itlhoboga mme ba nne le mowa wa tsholofelo.

Rre Brooks o kgothaditse balwetse go puthulola dipelo tsa bone go amogela ditirelo tse ba di neelwang ke baoki le dingaka le gone go sala morago ditaelo ka nako tsotlhe gore kwa phelelong batle kgone go nna le botsogo jo ba bo eletsang.

Are e re ka jaana go na le komiti ya sepatela ee gakololang (Tsabong Primary Hospital Advisory Committee) tsholofelo ke gore e tlaa rarabolola le go fokotsa dingongorego bogolo jang tsa balwetsi kwa sepateleng seo mme seo se tokofatse ditirelo tse ba di neelwang tsa tsatsi le letsatsi.

Mongwe wa maloko a komiti ya sepatela Rre Lucky Lorekang o ne a iteela kobo moroko mafoko a tshidimoloso ya kokelo a supa fa le bone ba itsisitswe ka kago ya sepatela se sesha.

Mongwe wa balwetsi Mme Maipelo Poloko wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro go tswa Maleshe o ne a supa boitumelo ka dimpho tse ba di abetsweng a supa fa bangwe mo go bone go sena ope yo ba lekolang mme dimpho tseo di tlisa tsholofelo le gone go ba sidila maikutlo le ditlhabi.

Mogolwane mo kokelong ya Tsabong Mme Dolly Motshegwe o ne a lebogela botlhe go bo ba bone botlhokwa jwa go lekola balwetsi mo malatsing a boitapoloso le go ne tlisa dimpho tse di maleba tsa maungo. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 29 Dec 2023