Tshidilo maikutlo e ka hema go ikgapela botshelo
26 Nov 2023
Dipalo tsa borre ba ba ikgapelang botshelo di a tshwenya.
Ka jalo ba Lephata La Bong, kwa Selebi Phikwe ba ne ba bona go le maleba go bitsa phuthego ya borre ka Labotlhano go re ba tle go ithuna dinta.
Fa a bua kwa phuthegong eo, mooki go tswa kwa kokelong ya Selebi Phikwe Mme Pona Setshego o tlhalositse fa kwelo tlase ya maikutlo e le borai thata mme e bile e le yone e e dirang gore borre ba tlelwe ke boitlhobogo mo ba felelang ba ikgapela matshelo.
A re kwelo tlase ya maikutlo mo go borre e bakiwa ke dilo di le mmalwa, nngwe ya tsone e le go tlhoka letseno la go itshetsa le ba lelwapa.
O supile fa motho yo o gateletsweng ke maikutlo a tshabelelwa ke go sa itlhokomela.
Mme Setshego a re kgokgontsho ya borre e teng e a tshela mo malwapeng mme e dirwa ke bomme, a kopa bomme go emisa go kgokgontsha borre ka tsela dipe fela.
Ka jalo, Mme Setshego o gakolotse borre go kopa thuso kwa dikokelong fa ba itemogela dikai tsa kwelo tlase ya maikutlo gona le go ikgapela botshelo.
Go sidilwa maikutlo go ka thusa gore motho a tseye kgato e e siameng e seng go itlhaola ka go dira jalo go kgona go nna le ditlamorago tse di maswe.
Ratoropo wa pele Rre Lebang Mukokomani a re go a tshwenya gore lefatshe leno le be le di goga kwa pele ka dipalo tsa batho ba ba ikgapelang botshelo.
A re ke sone se ba Lephata la Bong ba boneng go le botlhokwa go kgobokanya borre go itshekatsheka gore tsela e fapogile fa kae, a tlatsa ka gore ba sepodisi ba Selebi Phikwe ba setse ba gatisitse dipalo di le masome matlhano le bobedi tsa batho ba ba ikgapetseng matshelo go tswa ka ngwaga wa 2020 go fitlhela mono-ngwaga.
A re nngwe ya tse di itemogetsweng ke go tlhoka go nna karolo ya kgodiso ya bana bogolo jang ba basimane, a tlatsa ka gore ngwana wa mosimane o tlhoka rre go mo kaela tsela fa a ntse a gola gore a gole e nne rre yo o nang le boikarabelo.
Modulasetilo wa lekgotla la borre mo Selebi Phikwe Superintendent Alias Malope a re borre ba tshwenyegile thata ka dipalo tse di tsweletseng ka go golela pele tsa borre ba ba ikgapelang botshelo, a kopa borre gore ope yo o nang le tshwetso eo a e boele morago.
A re borre ba na le maikarabelo a go tlhokomela bana ba bone ba tshwaraganetse kgodiso le bomme, ka jalo go ikgapela botshelo go rontsha bana kaedi e siameng mo botshelong mme ba iphitlhele ba palelwa ke go emelana le dikgwetlho tse dingwe tsa botshelo.
Borre go tswa makalaneng ka go farologana, ditlhopha tsa kgwele ya dinao, lekgotla la borre le le akaretsang borre go tswa mo maphateng a puso ka go farologana ga mmogo le dikompone tse di ikemetseng ba ne ba tsene bokopano jo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Bokopano
Date : 26 Nov 2023








