Breaking News

Moithuti wa Tsabong senior o bolokilwe

15 Oct 2023

Bogogi jwa sekole sa Tsabong Unified Senior Secondary School (TUSS), ba lephata la thuto, batsadi le setshaba ka kakaretso ba setse ka go garoga dipelo, kakabalo, le kutlobotlhoko morago ga go latlhegelwa ke moithuti yo ba neng ba solofetse maduo a mantle mo go ene mo ditlhatlhobong tsa mophato wa botlhano.

Moithuti Tshepiso Osenoneng o tlhokafetse kgwedi eno e supa, mme o bolokilwe mo Tsabong ka Matlhatso.

Dibui di kaile fa Tshepiso e ne e le ngwana yo o neng a na le tebelopele le bokamoso jo bo eletsegang, ka jaana a ne a tseela dithuto tsa gagwe kwa godimo, ka go dira ka natla nako tsotlhe.

Mo mafokong a gagwe ka letsatsi la segopotso le go ipelela botshelo jwa moswi ka Labone, mothusa mogokgo wa sekole Rre Biliki Mooketsa o ne a supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go Tshepiso , ka a ne a le botlhale mo dithutong tsotlhe.

Rre Mooketsa o ne a tlhalosa fa e ne e le ene yo o neng a dirile bontle thata mo maduong a mophato wa boraro mo sekoleng seo.

A re botshelo jwa gagwe bo tshwanelwa ke go ipelelwa, go mo gopola ka tse dintle tse a di dirileng mo malatsing a gagwe a botshelo.

O supile gape fa moithuti yoo, a tla a gakologelwa ka botho, maitseo, boineelo, lorato, tlotlo le tirisanyo mmogo mo baithuting ka ene le baruatabana, tse e leng tsone di mo kgontshitseng go tlotlomatsa sekole seo mo dithutong tse di farologanyeng.

Rre Mooketsa fa ema batsadi ka lefoko, o ne a ba kgothatsa go itsalanya le bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo dikgakololong le tharabololo ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong.

O ne a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba age bana ba sa ntse ba le bannye, go ba ema nokeng mo thutong le gone go itse metsamao ya bone ka seo se ka thusa go mo ba betleleng bokamoso jo bo eletsegang.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la thuto Mme Zipporah Mapange o boletse fa Tshepiso  a ne a na le bokgoni le lesedi, a mo tshwantshanya le naledi e e phatsimang go gaisa dinaledi tse dingwe.

O boletse fa se se molemo e le gore o dirile go tlala ka diatla go simolola fela ka lokwalo lwa bosupa go fitlha mophato wa botlhano, mme a ka tshwantshanngwa le nkgwana e e thubegileng.

Mme Mapange o ne a supa fa a butse phatlha e tona mo sekolong le mo lephateng la thuto, ka ba ne ba solofetse maduo a a kgatlhisang thata mo go ene.

Mongwe wa barutabana, Mme Omogolo Ramolapong o tlhalositse fa toro le maikaelelo a ga Tshepiso e ne e le go ithutela go nna mmueledi, selo se a supileng fa se ne se tlaa kgonagala ka go dira ka bonatla le go tsaya boikarabelo mo dithutong.

Moithuti ka ene, Keoikantse Moseki o kaile fa e ne e le tsala ya gagwe ba simolotse sekole mmogo kwa sekoleng se se botlana sa Ikaneng-Maubelo go fitlha mo go se se golwane sa TUSS, mme a kwatabolotse go le go ntsi mo go ene, mabapi le tsa thuto, a kaya fa a tla tswelela a tshegeditse serodumo seo.

Tshepiso  o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e le masome mabedi le botlhano ka 2006. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Phitlho

Date : 15 Oct 2023