Ba le babedi ba lebisitswe molato wa polao
22 Feb 2023
E rile ka Labobedi banna ba le babedi ba Sese ba isiwa fa pele ga ga mmakaseterata ka molato wa polao ya motho.
Dintlha tsa kgang di supa fa Kagiso Selema (38) wa kgotla ya Kagiso le Joseph Mooketsi (39) wa kgotla ya Botshabelo gone kwa Sese, ba ne ba bolaya Olebogeng Tekanyo kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe kwa Sese.
Ditlhotlhomiso tsa sepodisi di supa fa borre bao ba ne ba keteka moswi, yo o neng a na le dingwaga tse di lesome le boraro, morago ga go belaela fa a utsule ntsa ya bone.
Go tlhalosiwa fa e rile ba bona gore mpuru o faretswe, bobedi joo jwa isa mosimane yoo kwa kokelwaneng ya Sese, mme a wa a santse a thusiwa.
O ne a ragogisediwa kwa kokelong ya moepo wa Jwaneng kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
Ka jalo e rile ka Labobedi, bobedi joo jwa isiwa kwa kgotleng ya ga mmakaseterata kwa Jwaneng go lebisiwa molato o le mongwe wa polao, mme ba supa fa ba tlaa batla mmueledi.
Mosekisi wa puso, Mme Kgakgamatso Phoi, o ne a kopa gore basekisiwa ba name ba tshegeditswe kwa kgolegelong ka jaana kgang e santse e le ntsha le ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
Mmakaseterata Caroline Kataba o ne a laola gore basekisiwa ba tshegediwe kwa kgolegelong go fitlhelela kgwedi e e tlang e tlhola gabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : COURT
Date : 22 Feb 2023