Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi ya terena
06 Jun 2022
Mapodisi a Palapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya modiro wa Wish e neng ya thulwa ke terena ka tshipi.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Palapye Superintendent Mokopi Nawa o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse fa makgabaganyong a terena mo kgotlaneng ya Serorome.
Superintendent Nawa are mokgweetsi wa koloi eo, ke rre wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano, mme o ne a le nosi mo koloing ka nako ya tiragalo.
O boletse fa rre yo a ne a bona dikgobalo tse di potlana mme a bonwa ke ba bongaka ba ba neng ba mo golola lone letsatsi leo.
Are koloi eo, e ne ya seka ya amega mo go kalo, ka e senyegile mo letlhakoreng la molema kwa morago.
Le fa go ntse jalo, Rre Nawa o ne a gakolola bakgweetsi gore ba nne kelotlhoko mo makgabaganyong a terena le gone go sala melao ya tsela morago go tila ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 06 Jun 2022







