Mapodisi a Palapye a tshegeditse banna
20 Mar 2019
Mapodisi a Palapye a tshegeditse banna ba le babedi morago ga go ba tshwara ka se go belaesegang e le dinaka tsa ditlou.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Waboraro Ramaja o tlhalositse fa e rile ka Mosupulogo (Mopitlo 18) ba longwa tsebe ke mongwe fa go na le borre bangwe ba ba tshwereng dinaka tsa ditlou kwa mmolong wa Palapye Junction.
Rre Ramaja a re ba ne ba tabogela kwa ba neng ba laetswe teng, mme ba kgona go tshwara borre ba babedi ba dingwaga tse di masome mabedi le borataro le wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi ba ba tlholegang kwa Chadibe le Senete.
Ramapodisi a re ba ne ba tshwara banna bao le dithoto tsa bone mme ba fitlhela dinaka tse pedi.
“Ga re ise re rurifatse gore ka boammaaruri dinaka ke tsa ditlou kgotsa jang, ka jalo ga re ise re ba lebise molato, mme re ba tshegeditse go re thusa ka ditlhotlhomiso,” a tlhalosa.
A re ba santse ba rometse dinaka go ya go tlhatlhojwa go netefatsa gore a ke tsa ditlou, mme fa go ka fitlhelwa e le tsa ditlou, babelaelwa ba tlaa lebisiwa molato.
Rre Ramaja o supile fa kgang e, e le ya ntlha go kwadisiwa mo kgaolong ya gagwe mo lebakeng le leleele.
O kopa Batswana go ikgapha mo go direng sepe se se ka ba tsenyang mo mathateng le molao, a re ba santse ba tshwenngwa ke gore dikgang tsa bone ka bontsi di ama banana ba go ka bong go twe ke bone babusi ba ka moso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonte Seepi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2019




