Breaking News

LIMID e fetola botshelo jwa monana

19 Mar 2019

 Rre Jacob Kuruuo yo o neng a itsege ka go bonwa fela mo maitisong le mo mebileng a iphetisitse dino, malatsi a o bonwa thata kwa polasing ya Rukutu, morago ga go fiwa dipodi ka fa tlase ga lenaneo la LIMID.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Kuruuo  yo o dingwaga di masome mabedi le boferabobedi, o tlhalositse fa a ne a fiwa dipodi tse di lesome le boraro ka 2016, mme seo sa dira gore e nne rre yo o nang le boikarabelo.

“Dipodi tse di fetotse maitsholo a me fela thata, ka gore nako  e ntsi ke ne ke nna ke  iphetisitse nnotagi ka  gore ke ne ke tlhoka se ke se dirang.

Malatsi a, ke nna kwa polasing ke disitse dipodi tsa me, ga ke na nako ya nnotagi,” ga bua Rre Kuruuo.

O kaile fa a ne a akanya fa leruo e le dilo tsa bagolo.

A re dipodi tseo di fetotse kakanyo eo, mme a lemoga fa banana le bone ba ka nna barui.

O tlhalositse fa dipodi tseo di mo thusitse go akanya botoka, ka jaana a setse a na le maikaelelo a go nna mogwebi ka gore o batla go reka phoko e e tlhabolotsweng  a bo a tlhabolola ka yone dipodi tsa gagwe, tse a kayang fa e le tsa Setswana fela.

“Ke batla go tsena mo dikgaolong tsa boGantsi  le tse dingwe, ke bo ke reka phoko e e tlaa tlang e fetola dipodi tsa me gore ke kgone  go rekisa dipotsane ka madi a a botoka,” ga tlhalosa Rre Kuruuo.

O kaile fa dipodi tseo a di filwe di le palo-potlana, mme  gompieno di tletse lesaka, ka gore o a di tlhokomela.

A re dipodi di bogadi bo gaufi fa di tlhokomelwa sentle ka go fiwa metsi le go kentelwa malwetse.

A re gompieno a kgona go thusa mo lwapeng ka go reka dijo, go ithekela diaparo le go thusa bomonnawe ba ba tsenag sekole.

A re podi ke sengwe sa diruiwa tse di tlhokang tlhokomelo e ntsi, ka gore fa dipaka di fetoga di tshabelelwa ke malwetse. 

“Ke bereka thata le mokenti wa kgaolo ya rona go bona gore dipodi tsa me ga di tlhaselwe ke malwetse”, a tlhalosa.

Rre Kuruuo a re o kopana le dikgwetlho tsa dibatana le diphologolo tsa naga tse a reng di ja dipodi tsa gagwe, mme o kaile fa  seo se sa mo kgobe marapo ka jaana  a setse a ruile dintsa tse pedi tse di disang dipodi.

A re dipaka dingwe jaaka ya dipula, dipodi di kgona go nyelela malatsinyana a sa itse kwa di teng mme e re di boa koo di tle di se mmogo, selo se a reng le sone se a mo tshwenya.

Rre Kuruuo o ne a kgothatsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka gore a ka ba isa golo gongwe le go fetola matshelo a bone le one maitsholo tota.

“Mananeo a puso a botlhokwa, nna e bile ke setse ke lemogile fa leruo le le botlhokwa ka le ka tokafatsa botshelo le go fetola maitsholo a motho, ” ga wetsa Rre Kuruuo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2019