Breaking News

Nawa o tlhalosa thulaganyo ya thobega

21 Oct 2018

Nako tsele tsa maloba go ise go tle bongaka jwa sekgowa, Batswana go ne go na le ka fa ba ikalafang ka teng fa ba lwala kgotsa ba golafetse, le go alafa leruo tota.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa bakgalajwe ba Borolong Rre Batshani Nawa, o thalositse fa motho yo o neng a robegile a ne a alafiwa ka thobega.

Rre Nawa a re thobega e ne e dirwa ka thito ya sethare sa moretologa o o iseng o gole thata, mme thito e, e ne e betlwa e bo e sale e le sephaphathi e bo e kgaoganngwa gabedi. A re thito e ne e inwa mo metsing a a bothitho mme morago ga metsotsonyana metsi ao a dirisiwe go tlhapisa motho fa a robegileng teng.

O tlhalositse fa go ne go tlhokega gore yo o robegileng a isiwe kwa ntle ga motse, go tlhophiwe fa go leng molatswana teng, kwa a tlaa tlhabelwang thobega teng.

A re go ne go tshwanetse go tlhophiwa lefelo le go ka se keng go gate motho kgotsa phologolo epe teng ka go ne go dumelwa fa motho kgotsa phologolo e e ka gatang fa go neng go tlhabelwa thobega teng e ka robegela gone foo.

A re yo o tlhajwang thobega o ne a tlhamalatsa lonao kgotsa seatla se se robegileng mme go tshegediwe fa go robegileng ka dithito tse pedi tsa moretologa mme di lebaganngwe le lerapo le le robegileng.

A re go ne go tshasiwa matute a sethare se se bidiwang bogoma mo dithitong tseo le fa go robegileng teng, gore dithito di ngaparele.

A re morago ga tseo go ne go kolobediwa ditodi tsa mogwana ka metsi a thito ya moretologa go itsa gore ditodi di omelele ka bonako, mme go bo go bofelelwa dithito tsa moreteloga fa go robegileng teng.

O supile gore morago ga tiro e go ne go bewa letlhaku la mosu kgotsa mongana fa go neng go tlhabelwa thobega teng go itsa gore motho kgotsa phologolo gate foo ka phoso.

A re yo o tlhabilweng thobega le yo o neng a dira ba ne ba sa tshwanela go leba kwa morago fa ba boela lwapeng go tswa kwa lefelong le go neng go dirwa thobega teng, e bile ba ne ba sa tshwanela go bolelela kgotsa go supegetsa ope fa go diretsweng teng.

O ne gape a re yo o neng a tlhaba thobega o ne a tshwanetse go totla le go ilela letsatsi leo tka go sa omana, go rogana, go lwa kgotsa go tenega go fithelela la ka moso le tlhaba.

A re yo o tlhabilweng thobega o ne a betlelwa thobane ya mogwana go ikokotela ka yone fa a robegile mo leotong, mme fa e le mo seatleng o ne a batlelwa letsela le bo le bofelelwa mo molaleng gore letsogo le seka la akgega.

O tladitse ka go re yo o tlhabilweng thobega o ne a nna a nosiwa meriana e kopantswe le metsi a a setseng ka nako e go neng go tlhapisiwa fa a robegileng teng ka nako ya thobega, go ritibatsa bothoko.

A re gantsi yo o tlhabilweng thobega o ne a ka seke a fetise dikgwedi tse tharo a sa fola.

O thalositse fa seruiwa se ne se tlhajwa thobega fela jaaka motho, mme pharologanyo e ne e le gore se ne se direlwa kwa sakeng, go epilwe mosima go direla mo teng, mme morago o katelwe gore diruiwa tse dingwe di seka tsa gata.

Rre Nawa o konoteletse ka go tlhalosa fa ene mo nakong eno a santse a tlhaba leruo la gagwe thobega fa le robegile mme e bile a kopiwa ke barui ba bangwe go ba direla leruo mme a sa lope dituelo dipe ka a na le lorato.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : Borolong

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2018