Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa leso la lesea
02 Oct 2018
Mapodisi a Tshane kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lesea la dikgwedi di ka tshwarang lesome le bone le neng la tlhokafala kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa, morago ga go gatiwa ke rre mongwe a ntsha koloi mo lwapeng.
Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o boleletse fa ba tshegeditse rre wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le tiragalo e.
A re mmelaelwa o tlhalositse fa a ne a fa lesea thuso ya ntlha ya potlako mme a mo ragosetsa kwa kokelong ee potlana ya Hukuntsi kwa ba bongaka ba fetileng ba mo tlhatlhoba mme ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.
Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme serepa sone se santse se tshegeditswe kwa setsidifatsing go ditlhatlhobiwa.
Supt Jorowe ne a tswelela a tlhalosa gore fa mmelaelwa a ka bonwa molato, o ka duedisiwa madi a a ka tshwarang P5 000 go ya kwa godimo, mo godimo ga moo, a bo a gapelwa setlankana sa go kgweetsa selekanyo sa dingwaga tse pedi.
O ne a gwetlha bakgweetsi go nna kelelelo ka seemo sa tikologo ka nako tsotlhe pele ga ba ka tsena mo koloing le gone gore ba sekaseke koloi ka fa tlase go netefatsa gore ga gona sekgoreletsi sepe go hema dikotsi tsa mohuta o.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Jorowe, o ne a supa fa kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba gatisitse dikgang tsa melato e e ka tshwara lesome le motso go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa go fitlha e ya fifing.
A re ba gatisitse melato ya matshosetsi a polao e le mene, dititeo tse di bakileng dikgobalo di le tharo, kgetsi e le nngwe ya bogodu jwa leruo, molato o le mongwe wa go kgoreletsa ba sepodise mo tirong ya bone le o le mongwe o ka one mogwebi mongwe kwa Hunhukwe wa marekisetso a bojalwa a neng a tswelela ka go rekisa morago ga dinako tse di beilweng.
Supt Jorowe o ne a gakolola bagwebi go obamela melao ya thekiso ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Hukuntsi
Event : Pego ya mapodise
Date : 02 Oct 2018



