Mbakhwa o oba letsogo ka dipanaki
26 Sep 2018
Mongwe wa batho ba ba emeng ka dinao go ipetlela botshelo ke Rre Kgakgamatso Mbakhwa wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi yo o ntlafatsang ditilo ka dikhurumelo tsa mabotlolo.
O tlhalositse fa kgwebo e, e le mpho ya Modimo. A re o ne a bona bananyana ba tshameka ka dikhurumelo, mme go na le yo o neng a senyetsa ba bangwe mo go bone.
O ne thusa ba baneng ba senyediwa mme a tlhomaganya dikhurumelo tse, a bo a di gata ka leoto ka phoso mme a makadiwa ke go bona di sa thubege.
Rre Mbakhwa a re go tsweng foo o ne a lomaganya dikhurumelo tse mme a dira setilo sa ntlha kwa motsaneng wa Tewane.
A re thulaganyo ya go loga e ne e ise e lolame mme a seka a ipona tsapa ka jaana a ne a di rwala a ya Mmankgodi mme a feta a loga moalo sesha ga bo ga felela go tswa moalo o o botokanyana.
O boletse fa thuto e sa felele mo ntlwaneng ya borutelo mme sengwe le sengwe se motho a se dirang ka diatla e le sekolo.
A re se, se senotswe ke go lemoga fa go dira ditilo go mo tlama go itse gore o tsenya dikhurumelo tse kae, o bafa jang le gore o tswakanya mebala jang. Monana yo wa Senete a re o feletse ka foromo ya boraro ko sekolong mme a ya go ithuta go penta le go kgabisa kwa CITF. O boletse fa a simolotse go dira ditilo tse ka 2015 mme ya re ngwaga ono a kwadisa khamphane ya gagwe e e bidiwang KK Innovations.
O tsweletse a bolela fa a rekiseditse tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ditilo di le lesome, a rekisetsa le batho ka bongwe ka bongwe segolo bogolo barati ba kgwele ya dinao.
A re ditilo tse dingwe di rekilwe ka dikoko tsa setswana. O bile a bolela fa a aga ntlo ya dintsa le meriti mo nakong ya gompieno ka mabotlolo a metsi aa rekisiwang. A ba a bolela fa a nale mongwe yo a mothusang mo tirong ya gagwe ya letsatsi.
Rre Mbakhwa a re o sela dikhurumelo tse a di dirisang mo mapalamelong a dibese, diotele le mo mekgwatlheng. O bile a galaletsa kgwebo e ya gagwe a bolela fa e mothusa go tlamela ba lelwapa la gagwe.
Monana yo a re fa a dira setilo, o kgobokanya mebala e moreki a e batlileng ya dikhurumelo, a di tlhatswe a bo a meta selekanyo sa foraime ya setilo mme a itse go phunya dikhurumelo tse a bo a di tsenya mo foraimeng mme a di bofeganye. O tlhalositse fa a ikaelela go godisa kgwebo ya gagwe ka go rutuntsha Batswana ba bangwe ba ba senang ditiro gore ba kgone go oba letsogo.
A re o ikaelela go ikopanya le ba ba itebagantseng le go rekisa dithoto ko ntle ga Botswana gore a utlwe fa a ka se kgone go rekisa ko ntle.
Rre Mbakhwa a re bomolemo jwa kgwebo ya gagwe ke gore e itebagantse le tshomarelo tikologo ka jaana a busetsa mo tirisong mabotlolo, dithaere, ditshipi tsa ditilo le dikhurumelo tse di latlhilweng. O boletse fa kgwebo e a e simolotse ka madi a go ntshafatsa ditilo. Kgwebo e e tsere maemo a bobedi ko ditshupong tsa matlakala ngwaga ono e tlotlomaletswa seabe sa yone sa go lwantsha tiriso ya polaseteke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : GABORONE
Event : Potsoloso
Date : 26 Sep 2018



