Ba lebogela go goroga ga DailyNews ka nako
25 Sep 2018
Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi a re mo bosheng ba itemogetse fa pampiri ya dikgang ya DailyNews e goroga ka nako kwa motseng wa gagwe.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Boiditswe o lebogetse maiteko a puso a go fefosa go gorosa dikgang tsa puso kwa go bone.
A re mo malobeng ba kile ba nna mo lenyoreng la go tlhoka DailyNews.
A re malatsi a ne a kgona go feta ba sa bona pampiri eo, a kaya fa seo se ne se ba baya ka fa mosing, a tlatsa ka go re nako dingwe sekole se sebotlana sa Topisi e ne e le sone fela se se neng se amogela DailyNews mme e bile e le potlana ka palo.
“Jaaka o itse DailyNews ke pampiri e e phatlalatsang mananeo a puso mme re ne re sa kgone go itse ka diphetogo tsa mananeo ao mme ka nako dingwe e ne e sa goroge sentle mo motseng fa nako dingwe re e bona morago ga lobaka dikgang di setse di siilwe ke nako,” a tlhalosa jalo. O kaile fa a rotloetsa morafe wa Topisi gangwe le gape go bala pampiri e, e le nngwe tsela ya go ipaya mo dinakong ka tse di dirwang ke puso le tse di diragalang lefatshe ka bophara.
E re ka go twe bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi, Kgosi Boiditswe a re o itumelela gore morafe wa gagwe ga o ikgagapelele pampiri eo, a kaya fa a kile a ba ama ka lefoko la gore ba kgaogane pampiri sentle gore e seka ya tlhaela ba bangwe.
“Pampiri e gorogela mo kgotleng e tona ya motse mme re leka ka bojotlhe go e phatlalatsa le motse fa re sena go e amogela.” a bua jalo. A re go a itumedisa go bo puso e leka ka bojotlhe gore Batswana ba bone kgatiso ya DailyNews go sa kgathalesege gore ba bokgakala bo kae le ditlamelo. Kgosi Kgololo Motshwaedi wa Moreomabele a re le bone ga ba bolo go nyorelwa go goroga ga DailyNews ka nako a kaya fa go lebega banana e le bone ba ba ntseng ba nyoretswe pampiri eo.
“Banana ba e bala tota mme re leboga go bo re kgona go e akola le rona. E e fa godimo ga tafole e, ke kgatiso ya tsatsi leno ke ntse ke fetsa go e bala,” a bua jalo a supa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : TOPISI
Event : POTSOLOTSO
Date : 25 Sep 2018



