Water Utilities e abela sekole madi
24 Sep 2018
Ba koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) e rile ka Labone ba abela sekole se sebotlana sa Gakuto P15 000 le dibeke tsa sekole e le go rotloetsa baithuti.
Kabo e e dirilwe kwa moletlong wa go aba dimpho o o neng o rotloediwa gape ke ba lebentlele la Sefalana Hyper.
Fa a bua mo boemong jwa mookamedi wa WUC Rre Mmetla Masire kwa Gakuto ka Labone, moanamisa mafoko wa kompone eo Mme Beauty Mokoba o boletse fa koporase ya bone e lemogile fa thuto e le botlhokwa.
O boletse fa ba lemogile fa baithuti ba na le dikgwetlho mme e le ba koporase ba dumela gore go seka ga nna sepe se se ba kgoreletsang.
Mme Mokoba o ne a galaletsa ba ba filweng dimpho mme a re se, e tshwanetse ya nna kgothatso mo go ba ba sa fenyang gore le bone ba iteke ba tle ba fenye mo lebakeng le le tlang.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore sekole se iphe seelo, se lebile ka fa se ntseng ka teng, a tlatsa ka gore dilo tse tsotlhe di tshwanetse tsa agelwa mo sethong go itebagantswe le Botho.
Mme Mokoba a re baithuti ba tshwanetse go rata tiro ya bone, a re se ke sone se ka dirang gore ba atlege.
Baithuti ba ne ba gakololwa gore go na le bagaka ba ba ka ithutang go le gontsi mo go bone, jaaka bo Rre Kofi Annan le Nelson Mandela, a re le mororo batho ba le bantsi ba ise ba kopane le bone, ba kgonne go fetola matshelo a batho.
Mme Mokoba o kgothaditse baithuti gore le bone ba ka nna bagaka, mme baithuti ba bangwe ba tseye malebela mo go bone, ba kgona go dira tsotlhe tse ba eletsang go di dira mo botshelong.
“Baithuti bangwe ba eletsa go nna dingaka, bangwe barutabana, bangwe bafufisi ba difofane mme ba ka atlega fela fa ba ka dira ka thata”, ga bua Mme Mokoba.
Ar e go dira ka thata go raya ba sa dire dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go dirisa ditagi le tse dingwe tse di ka ba itayang tsebe.
O boletse gore go na le dipego mo metseng ya magae e bana ba tlogelang dikole go nna kwa masimo kgotsa ka lebaka la boitaolo, mme a re o itumedisiwa ke gore bana ba Gakuto ba gatetse pele mo thutong, mo ebileng bangwe ba bone ba ka nnang ba felela ba thapilwe ke koporase ya WUC.
Baithuti ba ne ba gakolowa gore ba tswelele ka go ithuta thata ba tle ba itirele maina, ba itsewe e le batho ba ba bopileng lefatshe leno.
Bodiredi jwa sekole bo ne jwa getlhwa gore bo tswelele ka go rutuntsha gore bo tle bo alose baithuti ba tlhwatlhwa.
Batsadi bone ba kopilwe gore ba nne le kgatlhego mo thutong ya bana ba bone, ba e pataganele le barutabana.
Ba Sefalana ba ne ba abela baithuti dimpho tsotlhe mme e bile ba itlamile go fa moithuti yo o gaisitseng botlhe mo lekwalong la bosupa P1 000, go reka paka ya sekole se moithuti yo o yang go tsena kwa go sone le beke.
Se se tla morago ga go baakanya lefelo la moriti, ba reka semausu le tsotlhe tse di tlaa rekisiwang, tse tsotlhe di lopileng P59 000. ENDS
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : GAKUTO
Event : Kabo dimpho
Date : 24 Sep 2018



