Breaking News

Tlhoafalelang ditiro tsa motse

24 Sep 2018

Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro o gakolotse banni go nna le mowa wa boithaopo mo ditirong tsa motse gore o kgone go tlhabologa.

O buile jaana kwa kgotleng, mo merapelong ya moso le moso e e sa bolong go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo.

A re merapelo e, e diretswe go kopela ba ba nang le makoa mo Modimong gore ba sidilege gammogo le go ipaakanyetsa letsatsi la boipuso gore le atlege.

Kgosi Modiro o tlhalosa fa batho ba itlhokomolosa ditiro tsa boithaopo e bile banni bangwe ba le maoto a tshupa go tla merapelong. A re ditiro tse di direlwa Batswana go ka tlhabolola lefatshe la bone mme fa ba ikgoga metse ga e kake ya tlhabologa.

O supile fa banni ba sa ikwadisetse ditlhopho ka bontsi ntswa e le tshwanelo ya bone go ka ikwadisa gore ba kgone go tlhopha mme morago motse wa bone o tlhabologe. Kgosi Modiro a re batho ba tla kgotleng fela fa ba batla dithuso tsa puso. A re banni bangwe ba tsere mananeo a puso mme ga ba tsenelele diphutlego go tla go tsaya melaetsa ee ka ba thusang go tswelela pele ka go ka nwa mananeo ao moro.

“Batho ba tsaya mananeo e bo ba ela ruri mme ba tle kgotleng fela fa ba setse ba na le mathata a e leng gore gongwe a kabo ba sa bolo go a fenya go santse go nale nako,” a rialo. O tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa motse wa bone bogolo segolo jang fa go tlhophiwa dikomiti tsa motse.

A re batho fa ba tlhopha dikomiti ba tshwanetse go lebelela bokgoni e seng go ba tlhophela gore ba je le bone. “Batho ba tlhopha ba bangwe gore ba ba fe dithendara tsa borotho kgotsa gore ba ba thape mo Ipelegeng,” a tlhalosa. A re go botlhokwa gore dikomiti di direle setshaba e seng dikeletso tsa bone. A re tshwanelo ke gore komiti e tsweledise ditlhabololo tsa motse e seng tsa ditsala kana masika.

O rotloeditse banni go mo tshologa mokgosi nako yotlhe fa go na le phuthego ya kgotla go itsa gore batho ba felele ba tseelwa ditshwetso tse di ba bayang mo mosing ka ntlha ya gore ba a bo ba seo. A re motse o tlhabololwa ke setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Merapelong ya moso le moso

Date : 24 Sep 2018