BPC e ruta bagodi ka tsa botsogo
24 Sep 2018
Ba koporase ya motlakase ba ikgolagantse le ba sepatela sa Palapye ba supile fa botsogo jo bontle e le konokono mo botshelong jwa motho, bogolo jang bagodi.
Mothusa tona wa tsa papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bana ba tlhokomele batsadi le go tsaya maikarabelo a matshelo a bone, segolo jang fa bogodi bo setseng bo tsene teng.
Rre Goya o kopile bagodi go fokotsa dijo tse di nang le nama, mafura le sukiri, a bolela fa di na le seabe mogo tlhotlheletseng malwetsi a tshwana le a madi a matona le jwa sukiri.
A re go botlhokwa gore motho a je dijo tse di nang le meroko jaaka sika lwa mabele, merogo le maungo go hema malwetsi a a tsenang ka dijo.
O lebogile ba koporase ya motlakase go tsisa dithuto kwa bagoding le go ba thusa go itshidila mmele.
Rre Goya o rotloeditse bagodi go nna ba lekola dikokelo le fa ba sena makoa ape go nna ba itlhatlhoba.
A re se seka thusa puso kgwetlho ya go fokotsa go reka melemo.
Leloko la Botswana Retired Nurse Association (BORNA), Mme Kopano Phologolo o boletse fa modiro o ne o itebagantse thata le bagodi ba ba dingwaga tse di magareng ga 65-75 go ba tlhatlhelela dithuto ka go wa le malwetse a mangwe bogolo jang a a sa tshalanweng.
O boletse fa go le botlhokwa gore bagodi ba tlhalosediwe ka fa ba ka itlhokomelang ka teng mo go tsa botsogo go itsa ditlamorago tsa makoa a sennela ruri.
O ne a tlhalosa fa go wa go bakwa thata ke malwetse a go tshwana le a sukiri, matlho, tlhaloganyo, ka ditokololo le marapo di sa tlhole di neela motho nonofo ya go itsetsepela fa a emelela kana a tsamaya.
“Go wa ke ga mongwe le mongwe mme mo bagoding go diphatsa ka gonne marapo ga a sa tlhole a tiile jaaka pele mo go ba bayang mo diphatseng tsa go gobala ka jalo ke sone se re boneng go le maleba go ba ruta ka fa ba ka itshireletsang ka teng,” go bua Mme Phologolo.
Mme Phologolo o ne a bolela fa go le botlhokwa gore motho a nne a itshidila, ka jalo a gwetlha bagodi go nna matlhagatlhaga mo go tsa itshidilo mmele gangwe le gape ka go ba baya mo seemong sa go hema malwetsi mangwe le go ba nonotsha mo mmeleng.
O ne a ba kopa go tlhokomela dipilisi le go di kgaoganya ka tsela e e ka ba thusang gore ba seka ba lebala go di nwa ga mmogo le go tsaya ditaelo tsa bongaka ka fa di laetsweng ka teng.
“Go wa go ka sirelediwa fela fa motho a ka leka go tshegetsa botsogo jwa gagwe ka go nna ngaka ya jone ka gonne motho ke ene fela o ka itlhokomelang go thibela malwetsi a a ka tlhofofatsang botshelo jwa gagwe. Bona ba bongaka fa o sa tsoga sentle kana o lemoga sengwe se se sa tlwaelesegang,” ga bolela mme Phologolo.
Mookamela ditirelo tsa baji-bareki wa BPC Mme Germinah Modimoopelo o boletse fa ba koporase ba tshwentswe ke bogodu jwa megala ya metlakase jo bo ileng magoletsa le go thubiwa ga di tshipi tsa motlakase mo Palapye.
O boletse fa go dira jalo go tsenya batho mo diphatsheng tsa go gobadiwa ke motlakase kana go dira gore motse o time otlhe. O kopile bagodi gore ba seka ba lema ditlhare ka fa tlase ga ditshipi le megala ya metlakase ka go le kotsi mo matshelong a bone.
“Metsi le motlakase ga di kopane, ka jalo re kopa bakgweetsi go hema go thula dipale tsa motlakase ka megala e felela e rapame fatshe mo e re fa dipula dina go nne borai mo matshelong a batho,” ga bolela Modimoopelo. A re go botlhokwa gore batho ba tsibose BPC kana ba sepodisi mabapi le se se ka tswang se senyegile gore go kgonwe go baakanngwa ka potlako.
O kopile batsadi go kgalemela bana go tshamekela fa tlase ga ditshipi le megala ya motlakase. Mookamedi mogolo wa kgotletso wa koporase ya motlakase Rre Zwilithini Witbooi o tlhalositse fa bagodi le bone ba tlhokana le ditirelo tsa go itshidila mmele ka go tshwanetse ga nna le neelano magareng ga botsogo jwa mmele le tlhaloganyo.
O boletse fa maikaelelo e le go rotloetsa botsogo jo bontle mo matshelong a batho ba ba setseng ba godile. Rre Witbooi o tlhalositse gape fa maikaelelo e le go dira modiro wa go ruthuntsha bagodi ka tsa botsogo ngwaga le ngwaga gore ba tle ba nne le seabe mo botsogong jwa bone.
O boletse fa go le botlhokwa gore bagodi ba nne le botsipa jwa go itse ka borai jwa motlakase le gore ba ka itshireletsa jang mo go one. O tlhalosa fa botsogo bo le botlhokwa mo malatsing a bonana le a bogodi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kutlo Orman
Location : PALAPYE
Event : Dithuto
Date : 24 Sep 2018



