UCCSA e lemoga seabe sa ga moruti Taolo
24 Sep 2018
Moruti wa kereke ya UCCSA Reverend Mandlenkosi Ncube a re tshwaragano fa gare ga moruti le phuthego e ka dira gore kereke e gole.
Rev. Ncube o buile seo kwa tirelong ya kereke ya UCCSA, e e neng e itebagantse le go lemoga seabe sa bodiredi jwa ga moruti Tebogelo Taolo mo go direleng modimo kwa Bobonong ka Tshipi.
O tlhalositse fa go lemoga seabe sa ga Rre Taolo go tla morago ga gore Rre Taolo a dire Diploma in Theology, a tlatsa ka gore Rre Taolo o ntse a tshwere maemo a boefangedi mo kerekeng eo ka jalo a supa fa Rre Taolo a tla nna dingwaga tse pedi e ntse e le moithutuntshi (intern) pele a thapiwa go tshwara maemo a Reverend.
Rev. Ncube o gwetlhile Rre Taolo go bereka thata, a tlatsa ka go re bogogi jwa kereke bo tlaa nna bo mo tlhomile matlho.
O tlhalositse gore tiro ya boruti e batla motho wa mowa le pelo e e edileng e bile gape a le maikutlo mangwefela ka gore moruti ke motho wa batho botlhe.
Rev. Ncube o kopile Moruti Taolo go itshokela dikgwetlho gammogo le go itse tiro ya gagwe ka boammaruri.
O kopile Rre Taolo go nna le maitshwaro a a faphegileng mo setshabeng le mo kerekeng gore a kgone go bona tlotlo.
Fa a tswa la gagwe, Mme Agnes Tawana o tlhalositse fa Moruti Taolo e le motho yo o ikanyegang e bile a direla modimo a sa iphitlhe ka monwana.
A re Moruti Taolo ga a a itebaganya fela le go direla kereke eo, mme ke motho yo ratang go dira thata le batho.
Mme Tawana a re tirisano mmogo ya moruti le setshaba ke yone e mo dirileng gore a kgone go ngokela maloko a masha mo kerekeng.
O kaile fa tshwaragano ya ga Moruti Taolo le setshaba e kgatlhisa ka jalo a supa gore e ne ya re mo kgweding ya Lwetse a tshwara merapelo le baagi ba motse wa Bobonong go rapelela HIV/AIDS.
Mme Tawana a re mo dingwageng tse tlhano tse Moruti Taolo a ntseng a direla mo Bobonong, o kgonne go bula dikereke tse dingwe tsa UCCSA mo metseng e tshwana le Gobojango, Semolale, Tsetsebye le Molalatau.
A re seo se supa gore Moruti Taolo o setse morago molao-motheo wa kereke eo o o saleng o tlhongwa ke baeteledipele ba pele ba kereke ya Lontone, Rre David Livingstone le Rre Robert Moffat. Mme Tawana a re kereke ya UCCSA ya Bobonong ke kereke ya bogologolo ka e na le dingwaga di le lekgolo e ntse e le teng.
Fa a latlhela la gagwe, Moruti o solofeditse phuthego ya Bobonong fa a tlaa tswelela a ba eme nokeng ka nako tsotlhe.
O tlhalositse fa go etelela phuthego e se selo sepe se sesha mo go ene, a tlatsa ka go supa fa a setse a kile a dira tiro ya boruti mo mafelong a a akaretsang Maunatlala, Sehithwa, Gumare le Tonota pele fa atla mo Bobonong.
A re ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho tsa go tsenela kereke ka fa tlase ga ditlhare mo metseng e tshwana le Semolale, Tsetsebye le Gobajango ga go ba kgobe marapo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : GABORONE
Event : tirelo ya kereke
Date : 24 Sep 2018



