Breaking News

Lephata la metsi le abela komiti ya ditlhabololo

24 Sep 2018

Lephata la metsi le le direlang ka fa tlase ga tsamaiso ya tsa merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe kwa Tsabong le ne la abela komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya Bokspits dithoto bosheng.

Mo kabong dimpho e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo bosheng, Rre Force Ramasuswana o tlhalositse fa lephata la bone le ne le na le tiro ya go gokela sediba se sesha se mo motseng wa Bokspits mme ba bona go le botlhokwa gore ba abele komiti ya motse oo ya ditlhabololo dithoto tse ba neng ba di dirisa.

Moeteledipele wa lephata la metsi o tlhalosa fa dithoto tsa teng di ne di akaretsa sesupaditshwantso, setsidifatsi le sefetlha phefo.  

Dithoto tseo ke tse di neng di dirisiwa ke mogolwane wa kompone e ba neng ba e file tiro kwa motseng oo gore e gokele sediba.

A re ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba abele VDC dithoto tseo gore ba nonotshe kgweebo ya bone ya boroko.

O tlhalositse gape gore lebaka le lengwe ke go nonotsha tomagano ya bone e le lephata la metsi le komiti ya ditlhabololo le morafe ka kakaretso.

Rre Ramasuswana o wetse ka go rotloetsa VDC le morafe gore ba tswelele ba tshwaragane le lephata, a supa fa ba dirisana sentle le beng ba di kompone tse di fiwang ditiro mo motseng.

Rre Ramasuswana o ne a akgola morafe wa Bokspits go bo o thusitse ka dilo tse dintsi ka nako ya fa tiro e dirwa, a supa fa dingwe mo go tsone e le gone go ba ha boroko ko matlong a baeng a VDC.

O tlhalosa gore e re le ntswa ba ise ba role sediba semmuso, se setse se bereka e bile metsi a sone a setse a nowa ke bangwe banni ba motse.

Rre Ramasuswana o supile fa a itumetse ka tiro e diragaditswe jaaka ba ne ba eleditse, e bile go tokohaditse seemo sa boroko mo matlong a komiti ya motse le metsi mo motseng.

O tlhalositse fa tiro  e e simolotse ka Tlhakole go fitlha ka ya mopitlo mme ya fediwa ka kgwedi ya seetebosigo mono ngwaga.  

Fa a tswa la gagwe, Kgosana Mme Lydia Rautenbach o ne a leboga ba lephata la metsi le ba kompone e e neng e neetswe tiro go bo ba weditse tiro go sena dikgogakgogano.

O ne a kopa Rre Ramasuswana go fetisetsa malebo a morafe ko go tona wa Lephata  a tlatsa ka gore ba komiti ya ditlhabololo  ba na ba nale seabe se se tona mo tirong eo. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Wilfred Rautenbach

Location : BOKSPITS

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Sep 2018