Breaking News

Mokgatlho o lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi

23 Sep 2018

Mokgatlho oo tlhokomelelang malwetse kwa malwapeng wa Otse Home Based Care o itlamile go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi tse di tsweletseng ka go tsenya matshelo a banana mo diphatseng.

Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mokgatlho oo, Rre Alfred Ntshonono, o boletse fa e rile ka a 2015 ba dira tumalano le ba lephata la botsogo go thusa mo letsholong la Fokotsa Dino.

A re tumalano eo ya dingwaga tse tharo, e fela kgwedi ya Lwetse e ya fifing monongwaga, mme ba setse ba thusitse banana ba le bantsi go tlogela tiriso ya bojalwa le ditagi.

A re lephata la botsogo le boitekanelo le file mokgatlho oo P3 million go mo dirisa mo letsholong la Fokotsa Dino. 

Rre Ntshonono o buile jalo jwa dipuisanyong le bana ba dikolo, bagwebi, ba-na-le-bogole le balwetse ba ba mo ditiribatsing.

A re o itumelela tshwaragano le tirisanyo mmogo ya bone le baeteledipele ba motse, bagwebi le morafe ka kakaretso go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi gonne di senyetsa banana bokamoso.

“Setswana sa re moroto wa esi ga o ele, ka jalo ke akgola botlhe ba ba re emang nokeng go thusa puso go lwantsha mmaba o. Ke maikarabelo a mongwe le mongwe go fokotsa tiriso botlhaswa ya dino le ditagi ka e ama mongwe le mongwe,” Rre Ntshonono a tshwaela. 

Le fa go ntse jalo, a re ba kopane le dikgwetlho di le mmalwa mo letsholong le.

 Nngwe ya tsone ke thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng.  O tsweletse a bua gore e rile ditlhwatlhwa tsa bojalwa di okediwa, batho ba ne ba bona go le botoka go dirisa motokwane gore ba tagiwe ka bonako ka ba re bojalwa bo a tura.

Rre Ntshonono a re batho bangwe ba motse wa bone ba na le a go dira majalwa a a sa letlelelweng, mme fa ba tshwarwa ba re ga ba rekise ba itiretse fela go nwa le masika le ditsala.

“Bojalwa jo bo letlelelwang fela go omelwa mo malwapeng ke jwa Setswana mme pele o bo omela o kopa tetla kwa go kgosi mme o omele fela fa kopo ya gago e atlegile,” a tlhalosa fa a tswa la gagwe, Kgosi Mothusi Tsetse o buile fa ba sa robadiwe ke thekiso ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng.

“Majalwa a a borai ka gore re etse tlhoko fa ba sa a apeye sentle jaaka go tshwanetse mme seo se dira gore a nne bogale le go feta,” a tlhalosa.

A re bojalwa jo bo itsegeng ka leina la setiripa kgosi ke bone bo tsentseng tsebetsebe mo motseng wa gagwe. 

Kgosi Tsetse o buile fa gape bojalwa joo bo seo gope mo molaong wa lefatshe leno o o tsamaisang thekiso ya bojalwa ka jalo go ba ketefeletsa tiro gore ba ka dira jang go fedisa thekiso ya jone.  Kgosi o tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke batsadi ba ba neelang bana ba dikolo motsoko le motokwane gore ba ba rekisetse kwa dikolong.

“Matshwenyego a a kwa dikolong a matona ka jalo re ne ra bona go le maleba go tlhama komiti ya PTA-Stakeholders maikaelelo a yone e le go lwantsha matshwenyego a a kwa dikolong jaaka tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng,” ga bua kgosi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : OTSE

Event : potsolotso

Date : 23 Sep 2018