Borre ba rotloediwa go tsibogela botsogo jwa bone
23 Sep 2018
Mogokaganyi yo o itebagantseng le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa kgaolong potlana ya Good Hope, Rre Nkosiyabo Nkomazana, o rotloeditse borre go emela ka dinao botsogo jwa bone.
O buile jalo mo thuto-puisanong e ba neng ba e rulaganyeditse borre kwa Sedibeng bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go rotloetsa borre go nna le seabe mo go tsibogeleng tsa botsogo.
Rre Nkomazana o buile se, a sa kgwe mathe ka boitseme jwa borre lefatshe ka bophara tebang le botsogo bogolo jang mabapi le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.
O rotloeditse borre go itlhatlhobela HIV go sale nako, a tlatsa ka gore puso e phutholotse seatla mo go thuseng ka mananeo a akaretsang la diritibatsi le a thibelo mogare go tswa kwa go mmagwana go ya kwa loseeng.
Fa a bua ka dipalo mabapi le go itlhatlhobela mogare wa HIV mo kgaolong potlana ya Goodhope mo kgweding ya Moranang go fitlhela ka ya Seetebosigo monogwaga, Rre Nkomazana o tlhalositse fa borre ba itlhatlhobile ba le 928 go tshwantshanngwa le bomme ba le 1 444, a supa gore dipalo tsa borre di ko tlase fela thata.
E rile a tswa la gagwe, mooki wa kokelwana ya Sedibeng, mme Dipone Dira a tlhalosa fa ele boammaaruri gore borre ba tlhoka thotloetso e e tseneletseng mabapi le tsa botsogo.
Mme Dira o tlhalositse fa borre ba tsweletse ka go goga dinao mo go tsa botsogo, a tlatsa ka gore bontsi bo iponatsa kwa kokelong fa ba setse ba gateletswe.
O tlhalosa gape fa maikaelelo a bokopano jo e le go leka go tlhama mokgatlho wa borre jaaka mo dikgaolong tse dingwe.
A tlatsa ka gore o thusa thata go ntsha borre ko morago mabapi le dikgang tsa botsogo.
Mme Neo Lepokane wa lenaneo la kgokgontsho ya bong, o ne a tlhalosa fa go tlhoka go tsaya karolo ga borre mo dikgetsing tse dintsi go baka go nna le kgatelelo ya maikutlo mo go feteletseng.
Mme Lepokane a re go botlhokwa gore borre ba eme ka dinao ba bue tse di ba tshwenyang le go tlhoka go tsaya karolo mo botsogong jwa bone, a tlatsa ka gore bomme ba tshwanetse go bonela mo go bone jaaka e le ditlhogo tsa malwapa.
E rile a iteela kobo moroko mafoko ao, mokwaledi wa mokgatlho wa borre, mo kgaolong ya Borwa, Rre Geofrey Tebogo a gatelela botlhokwa jwa go nna teng ga komiti e mo dikgaolong. A tlatsa ka gore ke gone fela ko borre ba ka ithunelang teng mabapi le dikgang di tshwana le HIV/AIDS le gone go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bathusi Kwidi
Location : SEDIBENG
Event : PUISANYO
Date : 23 Sep 2018



