Dintwa tsa marato di tshwenya kgosi
23 Sep 2018
Kgosi ya tetlanyo kwa Ga-Segwagwa, Kgosi Nonofo Petros, a re ba tshwenngwa ke dintwa tsa marato tse di ileng magoletsa kwa kgaolong ya gagwe.
O boletse fa dintwa tseo di rotloediwa ke go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi phetelela.
Kgosi Petros a re bontsi jwa dintwa tseo di diragala maitseboa le bosigo kwa marekisetsong a bojalwa kana marekisetso ao a sena go tswalwa.
O boletse fa bontsi jwa dintwa tse di ama banana thata. Kgosi Petros o tlhalositse fa botlhoka tsebe le bone bo rotloetsa dintwa tse, ka bontsi jwa banana ba sa reetse dikgakololo tsa batsadi ba bone.
“Rona re le ba bogosi re nna re bitsa diphuthego tsa kgotla gagwe le gape, maikaelelo a rona e le go ba bontsha tsela e e siameng ya go itshwara sentle. Le fa re bitsa diphuthego jaana, banana ga ba reetse ka dintwa tsa marato ga di fokotsege di gola letsatsi le letsatsi,” ga bua Kgosi Petros.
O gakolola banana go tsaa ditshwetso tse di maleba ka matshelo a bone, ka bojwala jo bo nowang phetelela bo sena maduo ape a mantle, mme bo ka senyetsa motho botshelo.
A re fa motho a itshietse phetelela o dira ditshwetso a sa ipone ka jalo go motlhofo gore a tsee ditshwetso tse nne e se maikaelelo a gagwe go di tsaa.
Mo go tse dingwe, Kgosi Petros o boletse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa loruo lo lo botlana, lo a reng le nyelela ka dipalo tse di kwa godimo mme ga ise ba tshware bape mabapi le bogodu jo.
O tlhalositse fa ba etse tlhoko gore loruo lo utswiwa mo masakeng le fa lo ile mafulong ka jalo o rotloeditse barui go lo tlhokomela. O kopile barui gore ba seka ba baa boikarabelo le tlhokomelo ya loruo lwa bone mo badiseng fela.
“Nako e ntsi fa go sekiwa loruo o fitlhela motlhokomedi wa lone e le ene a itsing loruo go fetisa mong wa lone, mme seo se supa fa barui bangwe ba beile sengwe le sengwe mo badiseng,” a tshwaela.
Kgosi Petros o tlhalositse fa go tlhoka go itse loruo go na le seabe mo bogodung jwa loruo, a tlhalosa gore fa go ka diragala gore legodu la loruo le bonwe, modisa ga se ene a sekang mme legodu le seka le mong wa loruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : GA-SEGWAGWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Sep 2018



