Breaking News

Itshireletso ya babereki ba meepo ke konokono Makgalemele

23 Sep 2018

Batswana ba ba neng ba tshologetse phitlho ya ga Rre Moemedi Mpho ba tlhomamiseditswe fa puso le dikhamphani tsa meepo ka go farologana di tseela kwa godimo itshireletso ya babereki ba meepo.

Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, yo gape eleng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele kwa tirelong ya phitlho ya ga Rre Mpho kwa Shoshong ka Matlhatso.

Rre Mpho o tlhokafetse a le mo tirong kgwedi ya Lwetse e le lesome le boraro kwa toropong ya diteemane ya Orapa.

“Ke le tlhomamisetsa gore itshireletso mo mekoting ya rona ke ya seemo se se kwa godimo. Re leka bojotlhe go sireletsa matshelo a rona, mme le fa go ntse jalo boammaruri ke gore mo botshelong go thata go tila dikotsi.”

 “Tsotlhe tse di diragalang ke taolo ya Modimo, a re amogeleng seemo jaaka se ntse. Ba masika le ditsala le botlhe ba ba neng ba atumalanye le ene, ke eletsa gore Modimo o le thuse le gomotsege, ngwana wa lona o tshidile lobaka le le neng le laotswe ke rara,|” ga tlhalosa Rre Makgalemele.

Rre Makgalemele a re ga a na keletso ya gore ope a belaele itshireletso ya mekoti ya Botswana a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di tla ntsha pego go tlhalosa se se bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa ga Rre Mpho.

Moemedi wa ba masika a moswi, Rre Phokoletso Beleng a re o dumela gore se se diragetseng se itsiwe ke Modimo.

“Ke dumela gore lona, badiri ka ene, le na le kutlobotlhoko ee kopanyeng le letshogo, ga le a wela dibete ka tumelo ya gore le tlaa botswa dipotso tse di tla tlhokang dikarabo, ka pelaelo ya gore sengswe ga le a se dira sentle.

 Re lebogetse tshwaragana ya lona le rona, re dumela gore botshelo jwa ngwana wa rona bo gapilwe ke kotsi e sa dirwang ke motho ka maikaelelo,” ga tlhalosa Rre Beleng.

E rile a bua mo boemong jwa bana, Pontsho Mpho, o kaile fa ntsalae e ne ele ngwana yo o kutlo, a dira ditiro tsa mo lwapeng ka lorato, boineelo le botlhaga.

“Le fa re amilwe thata ke kafa ntsalaa rona a tsamaileng ka teng, ke dumela gore re tla gomotsega. Robala ka kagiso morwa-Majwana-a-Mabedi. Robala ka kagiso phala.”

Moemedi wa Debswana, Rre Moleko Majaha, o lebogetse sebaka se ba neng ba se filwe ke Modimo go dira le Rre Mpho.

Rre Majaha o supile fa moswi a ne a dira ka fa tlase ga kompone ya Kalcon kwa Orapa e filweng tiro ke kompone ya Debswana. “Re tlotla le go lemoga seabe sa gagwe se se neng se sa belaetse ka gope mo tirong ya moepo.” Rre Majaha a re le fa borra-Mpho ba le mo kutlobotlhokong le mo pitlaganong ya go latlhegelwa ke ngwana wa bone, se se botlhokwa ke gore ba gomotsege.

Rre Onkabetse Radikoro wa kompone ya Kalcon e neng e tlhapile moswi o supile fa le bone ba amilwe thata ke loso la ga Rre Mpho. A re le fa ane a le mosha mo tirong, o ne a le boineelo, a le tlhaga.

Rre Radikoro a re ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se ba bakileng kotsi e gapileng botshelo jwa moswi. O supile gore ditlhotlhomiso di dirwa ke ba sepodisi sa Botswana, lephata la meepo le bangwe boitseanape ba ba tswang kwa mafatsheng a sele.

Mokhanselara Makoko wa kgaolwana ya Shoshong Bokone a rele fa moswi e le monana o nnile le seabe se setona mo phathing ya Domkrag.

O sale a nnile leloko a le dingwaga di le lesome le borataro, e ne ele leloko la motia a dira ditiro tsa phathi e seng a ikgantsha ka boloko fela, o nnile se seabe se se tona mo go tlhabololeng lefatshe le, ga tlhalosa mokhanselara Makoko.

Rre Moemedi Shakes Isaiyah Mpho o tlhokafetse a le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi. O nale dingwaga tse di lesome le botlhano e le leloko la motia la kereke ya African Born Full Gospel Apostolic Church mme yare morago ga kolobetso a apeiswa seaparo le go fiwa leina la Isaiyah. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : SHOSHONG

Event : Phitlho

Date : 23 Sep 2018