Sekolo sa Mantshwabisi se kopa thuso
23 Sep 2018
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Mantshwabisi, Mme Sethunya Mmusi, o kopetse sekolo sa gagwe kemo nokeng, bogolo jang ya ditsompelo ka jaana sena le dikgwetlho tse di farologanang le tsa dikolo tse dingwe kwa kgaolong eo.
Mme Mmusi o kopile jalo ka bosheng fa sekolo sa gagwe sene se abelwa di-khomputara ke sekolo sa ithutelo tiro sa IDM. O tlhalositse fa kgwetlho-kgolo ya sekolo sa gagwe ele gore se amogela bana ba bantsi baba tswang kwa masimong aa mo kgaolong jaaka Mosime, Lerulakala, Maseru, Marezwe le dikgaolwana tse dingwe.
A re sebe sa phiri ke gore batsadi ba bana bao, ba bontsi jwa bone ba filweng boroko mo sekolong, e santse ele batho ba ba saletseng fa moragonyana fa go tla mo go lemogeng botlhokwa jwa thuto, mme bokgakala jwa masimo bo dira gore batsadi ba seka ba nna le seabe sepe fela mo thutong ya bana ba bone.
A re seo se felela se nna le seabe mo go direng bokoa ga sekolo seo mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. A re bana bao ba tlhoka go isiwa magaeng fa dikolo di tswalwa, le go ya go tsewa fa di bulwa kgotsa fa ba ngwegile mo sekolong jaaka ele selo modiro, mme a re letlhoko la koloi le dira gore fa gongwe ba palelwe ke go tsaa bana bao.
O tlhalositse fa monongwaga go setse go ngwegile bana ba le lesome le bobedi ba ba dirang mophato wa botlhano le wa borataro, mme ba ise ba kgone go ba latela ka ntlha ya letlhoko la koloi.
Mme Mmusi a re ba beile fela mo letlhogonolong la baithaopi go tswa mo motseng go nna ba ba thusa ka sepagamo. O ne a tlhalosa fa go nna kgakala ga bana bao ba ba tswang kwa masimo, go folodisa sebaka sa bone sa go tsena dithuto tsa matlhagola tsela pele ga ba ka simolola mophato wa ntlha, mme a re seo se dira gore ba nne ba saletse kwa morago.
Mme Mmusi o ne a akgolela sekolo sa ithutelo tiro sa IDM go ba thusa ka dikhomputara, a re seo se tlaa thusa go tokafatsa maduo a sekolo sa gagwe sea reng se ntse se tokafala ngwaga le ngwaga mo ngwageng tse tharo tse di fetileng.
O supile fa e rile ka ngwaga wa 2015 sa bona maduo a 26 per cent mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, mme yare ka ngwaga wa 2016 sa bona 37.3 per cent pele ga se bona 44.9 per cent ngogola.
E ne yare a ba fa lefoko la kgothatso, mogolwane wa thuto go tswa kwa Letlhakeng, Rre Elijah Mothabi, a kopa bodiredi jwa sekolo seo gore ba seka ba ineela mo dikgwetlhong tseo, mme ba tswelele ka go leka ka gotlhe mo ba nang nago.
O ne a kopa batsadi le bo radikgwebo go ema sekolo seo nokeng go tokafatsa maduo le go thusa go diragatsa maikaelo a lephata la thuto la gore ngwana mongwe le mongwe a bone tshwanelo ya gagwe ya go bona thuto go sa kgathalesege gore o bokgakala bo kae le ditlamelo. bokhutlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 23 Sep 2018



