Breaking News

Bagodi kwa Ngware ba solofetsa go dira dilo botoka ka nako ya kamogelo

23 Sep 2018

Bagodi bangwe ba Ngware kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba solofeditse go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng ka nako ya kamogelo ya madi a bagodi.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgotla Kobelwane wa motse oo bosheng.

Mongwe wa bagodi, Rre Dipuo Motshegare o solofeditse gore boitshwaro jwa go kgarametsana mo meleng go sa rekegelwe ba-na-le bogole, go sa buise bodiredi jo bo amogedisang sentle, ke dingwe tse di ntseng di dirwa ke bangwe bagodi mme a re ba ikaelela go di fetola. 

O tlhalositse gore ba ikaelela go dirisana ka neelano ka jaana ba tlhophile baithaopi ba ba tla laolang mela ka nako ya kamogelo, ka go kwadisa maina a bone go ya ka yo o tsileng pele.

Mongwe wa bagodi, Rre Ontiretse Kgotlhang, a re tlhakatlhakano e e nnang ka nako ya kamogelo e dirwa ke go fola mela go sa dumalanwa sentle gore go folwe kae. A re ketsaetsego eo e baka ke gore bangwe ba fole mola mo leobong la kgotla fa ba bangwe ba fola kwa ofising ya kgotla.

E ne e rile go le pele, Kgosi Kobelwane a tlhalosa fa boitsholo jo bo ntseng bo dirwa ke bangwe ba bagodi ka nako ya kamogelo e se jo bo jesang diwelang.

A re boitsholo joo ga bo a siama mme bo ka felela bo baka khuduga ya bodiredi ka jalo bagodi ba tlamege go latela ditirelo kwa Letlhakeng.

Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, ene o tlhalositse fa a itsisitswe ka matshwenyego ao ke bodiredi jwa poso fa bo tsile go amogedisa bagodi, mme a re bo ntse bo tsweletse mo dikgweding tse tharo ka go tlhomagana.

A re o ne a itsisiwe ka matshwenyego a ke mogolwane wa poso, a tlhalosa fa badiri ba poso baba yang koo ka go fapaana kgwedi le kgwedi bo lela selelo sele sengwe.

Rre Selatlho a re boitshwaro joo fa bo ka tswelela botla pateletsa bodiredi ja poso go emisa go isa ditirelo kwa motseng oo mme seemo seo se tlame bagodi go itatelela madi kwa Letlhakeng, seemo se a reng se ka kokonela bangwe ka go tla bo go tlamega gore ba tsamae sekgala se seleele.

Mengwe ya megopolo e bagodi ba duleng ka yone go fetola boitshwaro e akaretsa go neela ba sepodise ope yoo tla kgoberang kagiso ka go sa itshwareng sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : LETLHAKENG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 23 Sep 2018