Breaking News

Monana a ikanya thekiso ya dijo

23 Sep 2018

E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo.

Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morago ga go tlogela tiro.

A re o simolotse kgwebo go le thata ya lentswe mme ka thotloetso ya ditsala tsa gagwe a seka a ineela.

“Ke simolotse ke dira ka kiribane, batho bangwe ba ne ba nkgoelela mme ka kgothadiwa ke mme mongwe a nthaya a re kiribana e e ta tsoga e ntheketse koloi,” ga tlhalosa Rre Thokwane.

O ne a tswelela a tlhalosa fa e rile go tswa mo kiribaneng eo, kgwebo ya gagwe ya tlhatloga mme a kgona go reka kolotsana ee rekisetsang dijo.

A re kgwebo ya gagwe e kgonne go bonala morago ga go thusiwa ke Rre Maatla Basha, ka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Internet.

“Kgwebo yame e dira sentle mo nakong ya gompieno ka jaana ke kgonne go hira babereki ba le bararo. Ke kgonne gape le go reka koloi e nthusang go tsamaisa kgwebo yame,” ga bua Rre Thokwane.

O boletse gore o simolotse ka madi a tswang mo pateng ya gagwe, mme mo nakong ya gompieno a letile go bona dithuso tsa madi go tswa ko lephateng la banana gore a e atolose.

Ka jaana kgwebo le dikgwetlho ele di ya thoteng, Rre Thokwane le ene o kopane le le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, jaaka go rutuntsha babereki ba gagwe ka go thusa bareki.

Le fa go ntse jalo, Rre Thokwane a re ga a kitla a boela kwa morago ka jaana a ikiteile sehuba go fitlhelela toro ya gagwe ya go tsamaisa kgwebo ya dijo.

O ne a tlhalosa fa a rotloetsa monana yo o ising a bone tiro go ema ka dinao a sa tlhabiwe ke ditlhong, go simolola kgwebo ka e le yone tsela ya go tswa mo lehumeng.

A re seo gape se ka thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro ka jaana fa banana ba tsena mo go tsa dikgwebo ba ka nna le sebaka sa go hira ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : TLOKWENG

Event : Potsolotso

Date : 23 Sep 2018