Breaking News

Komiti ya Monarch e gatetse pele

23 Sep 2018

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Monarch Bophirima kwa Francistown, Mme Chiko Mogotsi, a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng kgaolo ya bone.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mogotsi a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go dirisa didikadike tse lesome tsa di pula go aga matlo a magolwane a le mabedi a ba tlaa a firisetsang batho.

Mme Mogotsi o tlhalositse fa kago eo e setse e simolotse kwa setsheng sa bone mme ba solofetse gore e bo e wetse pele ga ngwaga o ya bokhutlong.

A re godimo ga moo, ba tlaa aga gape ofise fa setsheng seo ka sele segolwane, le go gokelela metsi le motlakase.

E re ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, Mme Mogotsi a re komiti ga e a ikaega fela ka madi a ba a filweng, mme dule ka ditsela tse dingwe tsabgo itirela madi.

 A re ba setse ba simolotse go rekisetsa barui bojang jo bo kgaolwang ke babereki ba Ipelegeng.

Godimo ga moo, a re ba na le ditilo le dipoto tse ba di firisetsang morafe. O ne a tlhalosa gape fa ba ne ba latswiwa ke thware fa palamente ya lefatshe la Belgium e ba abela P26 000 fa ba ne ba etetse kgaolo ya Monarch Bophirima. Komiti e ne ya dirisa madi a,  go agelela lebala la kgwele ya dinao le le mo kgaolong ya bone.

 A re go agelela lebala moo ga go a ka ga fela ka madi ao a ile a seka a lekana, mme a tlhalosa fa ba solofeditswe madi a mangwe ke ba lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao go feleletsa go agelela lebala leo.

Godimo ga moo, modulasetilo o kaile fa khansele e ba abetse lefelo le lengwe gape, mme ba ikaelela go aga lebala le lengwe la metshameko le le akaretsang bolotloa, mabelo, bolo ya molangwana le e mengwe.

A re ba tsere tshwetso ya go aga mabala a, go ntsha banana mo mebileng gore ba inaakanye le metshameko e seng ditiro tsa borokutlhi kgotsa go nwa nnotagi phetelela.

O kaile fa dithakga tsa metshameko mo Botswana jaaka bo Kabelo Dambe, le ba bangwe ba simolotse go tshameka gone mo Monarch, ka jalo mabala a a ka thusa go ribolola talente ya bana ba Monarch.

A re maikaelelo a bone ke gore fa kago ya mabala a o e fedile ba nne ba tshwara dikgaisano tsa metshameko ka go farologana teng, mme go tsenwa ka madi gore dithebenyana tseo di tsene mo letloleng la WDC ya bone, mme ebile seo se tla nna mothofo ka mabala a tlaa bo a ageletswe gape ba na le ditlankana tsa one ele WDC ya kgaolo, tse ba setseng ba di filwe ke khansele.

Mme Mogotsi o kaile fa ba tsweletse ka go phepafatsa kgaolo ya bone ka lenaneo la ipelegeng, go balelwa noka, ditsela le mo kgotleng tota.

O buile fa ba lemile ditlhare mo kgotleng le tlhaga e tala gore kgotla e lebege, mme e bile ba nosetsa ditlhare tseo e le ba WDC ya Monarch Bophirima.

Mme Mogotsi o kaile fa tsotlhe tse di dirwang ke WDC ya bone di direlwa mo pontsheng, e bile ba aga ba bitsa diphuthego go ba lekodisa ka tsothe tsa WDC go balelwa le gore madi a dirisitswe jang mo letloleng le gore go setse bokahe.

 A re o itumelela gore komiti ya bone ga e nke e nna le dikgang dipe tsa boferefere, bogodu kgotsa tsietso, le go nyelela ga madi mo letloleng tota.

O kaile fa ba aga ba dirisana le maphata ka go farologana jaaka la botsogo, nyeletso lehuma, la banana.

Mme Mogotsi o ne a gatelela fa paakanyetso boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi e tsweletse sentle.

Mokete o tlaa ketekelwa mo kgotleng ya Monarch jaaka ele tlwaelo.

A re tirisano ya bone le kgosi, mokhanselara le bateledipele ba bangwe e le e e nametsang, ka e bile ba aga ba rotoetsa setšhaba go tsena diphuthego tsa kgotla, mme a thalosa fa batho ba ba reetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : potsolotso

Date : 23 Sep 2018