Breaking News

Banni ba iteela legofi katoloso ya lotshwao lwa seromamowa

20 Sep 2018

Banni ba Hukuntsi ba iteetse legofi mogopolo wa katoloso ya lotshwao lwa seromamowa sa Botswana (RB1), go ka goroga kwa metseng e go ntseng go sena le fa e le mokgwasanyana teng. 

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba maranyane a seromamowa le baitseanape go tswa kwa go ba lekalana le le itebagantseng le tsa tshekatsheko tikologo mo Hukuntsi bosheng. 

Modulasetilo wa pele wa khansele ya Kgalagadi, Rre Milton Moseru, o ne a iteela katoloso eo legofi, a supa fa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba tlaa nna le sebaka sa go itse se se diragalang mo lefatsheng leno le kwa mafatsheng a mangwe. 

O supile fa thuto e le botlhokwa mo botshelong jwa motho ka jaana bontsi bo ka kgona go itlhabolola ka dithuto tse ba di utlwang mo seromamamoweng. 

A re bontsi bo tlaa kgona go ithuta go le gontsi ka mananeo a puso a a tlhametsweng go fetola matshelo a bone. 

Rre Johannes Motlhaetsi go tswa kwa Zutshwa, le ene o ne a latlhela tlhware logonnyana ka mafaratlhatlha ao, a supa fa bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba fetwa ke dikgang tsa botlhokwa. 

A re go le gantsi ba patelesega go tla Hukuntsi fa ba batla go utlwa dikgang ka botlalo, a tlatsa ka gore le baithuti ba sekolo sese botlana ba tlaa nna le tshiamelo ka jaana ba tlaa kgona go nonofa mo dithutong tsa bone ka thuso ya seromamowa. 

Rre Nelson Moncho o ne a gwetlha ba dikompone gore ba leke go thapa bana ba mo gae, mme o ne a gwetlha batsadi go ruta bana ba bone gore tiro e a dibelwa, ka jalo ba nne boitshoko ba dira ka natla gore ba kgone go rokotsa dikompone tse di tswang kwa ntle go ka ba thapa go na le gore ba itlhobose ka ntlha ya boitseme. 

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa boranyane go tswa kwa ofisi kgolo ya lephata la kgaso, Rre Calvin Goiletswe o tlhaloseditse banni fa kago ya mafaratlhatlha a seromamowa, e le maitlamo a lephata go atolosa maharatlhatlha a, gore banni mo lefatsheng ka bophara ba kgone go tshwara matshwao a seromamowa le thelebishene ya lefatshe leno. 

O ne a tlhalosa fa mafaratlhatlha a, a tlaa agwa mo Hukuntsi mme a tlaa thusa kanamiso ya lotshwao lwa seromamowa sa Botswana kwa metseng e tshwana le Zutshwa, Ukhwi, Ncaang, le Ngwatle ka e le mengwe e e ntseng e saletse kwa morago gammogo le kwa mafelong a diphologo a a mo tikologong ya Kgalagadi Bokone. 

Le fa go le jalo, o ne a tlhalosa fa mafaratlhatlha a go atolosa lotshwao lwa thelebishene one a tlaa agwa kwa Hunhukwe le Monong fa seemo sa madi se letla. 

Rre Goiletswe o ne a tsibosa morafe gore kago ya maharatlhatlha e ka nna ya pateletsa banni bangwe go sutela ditlhabololo tseo, le gone gape gore ditshekatsheko ka tsa ba tikologo le tsone di tla thusa go bona dilo dingwe tse di botlhokwa jaaka mabitla a botsadi jwa bogologolo mme go dirwe dithulaganyo go bona gore go ka thusanwa jang le morafe fa go ka itemogelwa dikgoreletsi dingwe. 

Mme Nakisani Chicho go tswa kwa khamphaning ya Terrestrial Plan o ne a tsibosa morafe fa ditlhabololo go le gantsi di na le dintlenyane di tshwana le go tlhama diphatlha tsa mebereko, le gone go nonotsha letseno la madi kwa malwapeng ka ntlha ya phiriso ya matlo. 

A re ntswa go na le dintlenyane, dilabe di tshwana le go gola ga dipalo tsa boimana jwa banana, kanamo ya mogare wa HIV, go thubega ga malwapa, modumo o o feteletseng mo tikologong le gone go leswafatsa tikologo, ga di ke di tlhokafala. 

Ka jalo, o ne a gwetlha batsadi go ema kgatlhanong le dilabe tse, ka go buisana le bana go bona gore ba itshwara sentle gore bontsi bo seka jwa iphitlhela mpuru a haretswe. 

E re ntswa bontsi bo ne bo le ’bete se molangwana ka mafaratlhatlha ao, gore a ka tswa a le borai mo matshelong a batho, Rre Goiletswe o ne a ba tlhalosetsa fa mafaratlhatlha ao a tsile go agelelwa gore sebopiwa sepe se seka sa amana le one, a tlatsa ka gore go tla a bewa le dikaedi tsa tlhagiso go babalela matshelo. 

O ne a tlatsa ka go re le ditshekatsheko go tswa kwa go ba lekgotla la ditshaba la botsogo di supile fa marang a mafaratlhatlha ao a babalesegile a sena diphatsa dipe. 

Mme Chicho o ne a tlhalosa fa ba sena teseletso ya go gokaganya matshwao a diromamowa le megala ya dikhamphani tse di ikemetseng mo mafaratlhatlheng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 20 Sep 2018