Dikoloto tsa baithuti boikarabelo jwa batsadi
20 Sep 2018
Mothusa tona mo lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Thato Kwerepe o gakolotse batsadi kwa Rakops go tsaya boikarabelo jwa go duelela bana dikoloto tsa sekole gore ba fiwe ditlankana.
Rre Kwerepe o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Rakops bosheng, a tsibogela kgang ya komiti ya ditlhabololo tsa motse.
A re batsadi ba tseye boikarabelo jwa go duela dikoloto tsa bana kwa dikoleng tse ba neng ba tsena kwa go tsone gore ba tseye ditlankana tse di tlaa ba kgontshang go tsweledisa matshelo a bone.
“Batsadi tsayang boikarabelo jwa thuto ya bana ba lona, duelelang bana melato ya bone,” Rre Kwerepe a kopa.
Le fa go ntse jalo, Rre Kwerepe o kopile dikole go fa bana ditlankana le fa ba kolota.
A re dikoloto tsa dibuka le tse dingwe di tshwanetse tsa lebaganngwa batsadi.
Rre Kwerepe a re le fa boeteledipele bo sena thata ya go gana ka ditlankana, batsadi ba seka ba itlhokomolosa boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto.
A re se se tshwenyang ke gore batsadi ba bana ba ba tsenang dikole mo nakong ya gompieno ba itse mosola wa thuto, mme go hakgamatsa go bona ba sena seabe se se bonalang mo dithutong tsa bana le go ba kgalemela.
O ba gakolotse go itse gore bana ba fiwa molao ke batsadi eseng barutabana kgotsa bogosi.
“Re rolela boikarabelo jwa rona mo bathong ba bangwe, re bo re felela re supa bone ka monwana fa bana ba setse ba dule mo tseleng,” ga bua Rre Kwerepe.
Le fa go le botlhokwa gore batsadi ba kgalemele bana le go ba kaela tsela ya nnete, Rre Kwerepe a re ba ele tlhoko e sere gongwe ba iphitlhela ba kgokgontsha.
“Kgalemo e e ka fa molaong kana e e dirwang ka mowa wa setho ke go dirisa puo eseng go keteka le go gobatsa ngwana, le go buisana le kaele bana tsela ya boammaruri,” Rre Kwerepe a tlhalosa.
E rile a lekodisa mothusa tona ka seemo sa thuto kwa Rakops, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Batsweletse Kgagamedi o ne a leboga dikhamphani tse di tsweletseng go thusa go tlhabolola thuto.
Rre Kgagamedi o supile fa Debswana e thusitse ka go rekela sekole se sebotlana sa Tsienyane khombi e e pegang baithuti ba ba nang le bogole le go tlhabolola borutelo jwa bone.
O supile gape gore ba Engleton Abattoir le Zanex Hardware le bone ba ikgolagantse le sekole sa Tsienyane ka lenaneo la Adopt-A- School go thusa ka ditlamelo ka go farologana.
Le fa maiteko a dirwa ke bagwebi le puso go tokafatsa mananeo a thuto, Rre Kgagamedi o supile fa matlwana a borutelo go balelwa le matlwana a boitiketso mo dikoleng tsa Rakops ka go farologana a tlhoka go baakanngwa.
Rre Kgagamedi a re dikole tsotlhe tse di potlana kwa Rakops di tsweletse ka lenaneo la go tsamaisa bana tshipidi tonto.
Sengwe se se tshwenyang Kwa Rakops a re ke dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti ba ba tshabang sekole.
A re monongwaga baithuti ba le lesome le bosupa ba sekole se segolwane sa Rakops ba tlogetse sekole ka mabaka a a sa itseweng.
A re se se tshwenyang ke gore bana bao, ba nna le batsadi mme go lebega ba amogetse seemo seo.
Rre Kgagamedi a re botlhoka tsebe jwa bana ke kgwetlho ka gore bangwe ba bone ba senya dithoto tsa sekole le go kgoreletsa ba bangwe go ithuta ba phuthologile ba sa boife sepe.
O kopile batsadi go ruta bana boikarabelo jwa go lemoga mosola wa thuto.
Mokhanselara wa Tsienyane, Mme Batoli Manyuni o lebogetse seabe sa thuto mo go ageng, go godisa le go bopaganya tshaba ya Botswana.
Le fa dikgwetlho di le teng, Mme Manyuni a re o lemoga fa go dirwa maiteko go tokafatsa seemo sa thuto.
O lebogetse bagwebi ba ba dirang ka natla ka go tsenya letsogo mo tlhabololong ya thuto.
Mokhanselara Manyuni a re le fa puso e re baithuti ba ba kolotang ba fiwe ditlankana, maikaelelo ga se gore batsadi ba itlhokomolose boikarabelo jwa bone jwa go duela dikoloto tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : RAKOPS
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 20 Sep 2018



