Breaking News

Palapye o gakololwa go somarela matlotlo a tlholego

20 Sep 2018

Palapye ke kgaolo e e segofaditsweng ka matlotlo a tlholego, a e bileng puso e tsere matsapa a go a somarela go atolosa Bojanala le go tswelela e efa Batswana kitso ka ngwao le ditso tsa bone. 

Mo godimo ga matlotla a kereke ya bogologolo ya London Missionary Society, a a bonwang kwa Malaka, kgaolo e e ne ya segofadiwa gape ka ditlhare tsa matswere tse di neng di dirisiwa jaaka poso bogologolo pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso. 

Ditlhare tse tsa matswere di bonwa gaufi le seporo sa terena kwa Boseja mo Palapye. 

E rile go lemogeng fa ditlhare tse tsa poso di le botlhokwa, ba lephata la metlobo ya ditso ba agelela ditlhare tseo mme ba baya le mekwalo e e supang ka fa ditlhare tseo di neng di dirisiwa go amogela poso ka teng. 

Go tlhalosega fa poso e ne e isiwa e be e tseelwa gone kwa ditlhareng tse. 

Poso e e neng e goroga go tswa mo tereneng e ne e isiwa ke raposo kwa ditlhareng tse gore beng ba yone ba tle ba e tseye. 

Batho ba ne ba tla go tsaya le go isa poso ya bone kwa ditlhareng tse, bangwe ba tswa bokgakala jwa Serowe. 

Go somarela ditso tsa ditlhare tse ba lephata la motlobo wa ditso ba ne ba agelela lefelo mme ba tsibosa gore go seka ga latlhelwa matlakala teng le fa e le go ntsha sepe se se beilweng foo. 

Mothusa Kgosi wa Palapye Kgosi Michael Maforaga a re ka se sebaka go swabisa nko go bona ka fa lefelo leo le sa kgatlhiseng ka teng. 

Lefelo le le ntse leswe e bile dilo dingwe di tshwana le ditshipi tse di neng di ageletse ditlhare tseo ga di sa tlhole di le teng. 

Kgosi a re fa go sena tlhokomelo e e faphegileng, go ka nna ga fithelwa nako nngwe ditlhare tseo di remilwe mme dikokomane tse di tswang kwa morago di seke di itse ka ditso tsa Palapye. 

O kopile morafe wa Palapye go tshwara lefelo leo ka matsetseleko le go tlhomamisa gore ga ba latlhele matlakala foo. 

A re ditshipi tse di somotsweng tse ke sesupo sa gore go tlhokega gore banni ba Palapye ba eme ka dinao go thusa ba sepodisi go lwantsha borukutlhi. 

A re go botlhokwa go somarela ditso le ngwao ka gore ‘tshaba e senang ngwao ke moka e latlhegileng’. 

O rotloeditse banni ba Palapye go tlhokomela ditlhare tseo a tlhalosa fa e le moila go di rema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Bokopano

Date : 20 Sep 2018