Breaking News

Komiti ya ditlhabololo e tsweletse sentle

20 Sep 2018

Komiti ya ditlhabololo e tsweletse ka go netefatsa fa banni ba metse ya bone e akola ditirelo le ditlhabololo tse e di ipeileng pele e bile e le tse banni ba di tlhokang.

Mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo Tsabong Botlhaba Mme Rachel Jagter o tlhalositse  fa e le nnete kgaolo ya gagwe e tsweletse sentle mo maitlamong a yone a go eteletsa dikopo le dikeletso tsa banni tsa go ba agela batlhoki matlo pele.

Mme Jagter o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno go na le matlo mangwe a e a agelang banni bangwe ba Tsabong Botlhaba.

O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno  matlo ao a le marataro a setse a feditswe e bile beng ba one ba setse ba a neetswe.

Mme Jagter o tlhalositse fa ba mekamekane le namane e tona ya go sekaseka mo go tseneletse fa banni ba ikopela dithuso e le ntlha nngwe ya go netefatsa fa e le ruri letlhoko le ba buang ka lone le le teng.

O tlhalositse gape fa  a ne a kopana le ba S&CD ba tsamaya mo kgaolong ya bone go iponela batho ba ba nang le letlhoko le le tseneletseng.

A re seabe sa bone e le komiti ya ditlhabololo e le go sekaseka le go netefatsa fa ditirelo tsa kago di tsamaya sentle e bile  beng ba  dikonteraka ba wetsa tiro ka nako e e beilweng.

Mme Jagter o ne a tswelela a supa fa mo nakong ya gompieno matlo a le mararo a santse a agwa le ntswa beng ba  dikonteraka bangwe ba ise ba wetse e bile ba saletse kwa  morago ka ba paletswe ke go dirisana sentle le bone.

O tlhalositse fa ba sesole le bone ba ba eme nokeng ka ba nna ba abela beng ba matlo dijo le tse dingwe tse ba di tlhokang morago ga go neelwa matlo semmuso.

O ne a tswelela a tlhalosa fa lenaneo la go agela batlhoki matlo  le santse le tlaa tswelela le mo nakong e e tlang, a supa fa ba itemogetse fa banni ba Tsabong Botlhaba ba na le letlhoko le lentsi mme e le tshwanelo ya bone go fedisa letlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Poloko Lekhutlile

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 20 Sep 2018