Breaking News

Ba ba akotseng lenaneo ba ntsha kgakololo

20 Sep 2018

Bangwe ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma mo Maun ba kopa gore le akaretse dithuto tsa go tsamaisa kgwebo le tiriso ya madi. 

Ba buile jalo mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ofisi ya nyeletso lehuma go tsaya megopolo go dira moalo o mosha wa lenaneo leo bosheng.

Mme Ikanyeng Nalemeno o boletse gore nyeletso lehuma e mo thusitse, mme go le gantsi dikgwebo tsa bangwe ga di atlege ka ntlha ya go tlhoka kitso ya madi le tsa kgwebo.

Ka jalo Mme Nalemeno o ne a kopa gore go ya pele lenaneo leo le fe baikopedi dithuto tsa go nna jalo go ba thusa go dirisa madi a kgwebo sentle. 

O ne gape a re go ka nna molemo fa ba ba filweng mananeo ba ka rotloediwa go aga ditlhotshwana gore ba kgone go arogana maitemogelo le tse dingwe tsa kgwebo, a re e bile seo se ka fokoletsa ba boipelego tiro ka bagwebi ba ka thusana dikgwetho tse dingwe.

Mme Nalemeno o ne gape a re go ka nna molemo fa baikopedi ba ka fiwa se ba se batlang e seng gore ba fiwe se se gaufi go twe tse ba di batlang di tletse, a re seo le sone se baka gore dikgwebo dingwe di palelwe ka kgwebo e atlega fa motho a rata se a se dirang.

Rre Mokenti Ramaeba yo o akotseng lenaneo la go tshwara ditlhapi ene o ne a lebogela lenaneo leo, a re mme le ka ba tswela mosola fa go ka okediwa tse di fiwang ka setsidifatse, a re seo seka atolosa kgwebo ya bone gore e nne le dipoelo tse di botoka.

Mme Kagoetsile Gaanowe ene o ne a re go sekasekwe dithutuntsho tse di fiwang ba ba atlegileng, a re dithuto dingwe tse di fiwang ba ditiro tsa diatla ga di na boleng ka ke se ba se itseng gole gale ebile ga dina ditlankana.

Mme Gaanowe o ne gape a re ba sekasekelwe marekisetso a a mo ponong ya bareki, bogolo jang ka go reka bajanala thata mo go bone ba tiro tsa diatla.

Rre Maseke Segole yo o thusitsweng ka lenaneo la go tlhatswa ene o ne a supa fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, ka jalo a gwetlha ba bangwe gore ba seka ba ineela fa ba kopana le dikgwetlho, ba loge maano a go fenya.

Rre Mathata Mododo wa lenaneo la kapei le ene o ne a supa fa a tsweletse sentle e bile a kgonne go reka dijana tse di neng di tlhaela fa a fiwa lenaneo.

Rre Mododo o ne gwetlha badiri ka ene go boloka bonnyenyane jwa dipoelo tsa bone.

Mothusa morulaganyi wa ofisi ya nyeletso lehuma, Rre Ndiye Moloi o ne a re maikaelelo a bokopano joo ke go tsaya megopolo ya ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyelotso lehuma.

A re megopolo ya bone e ka thusa go baakanya moalo o mosha wa nyeletso lehuma o maikaelelo a one e leng go akaretsa mongwe le mongwe yo o amilweng ke lehuma.

A re maikaelelo a mangwe ke go dira lenaneo le le nang le ditsetlana tsa go latedisa gore mananeo a dira sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Bokopano

Date : 20 Sep 2018