Breaking News

Ke Kuke Kolo Mokgalagadi wa Kole

19 Sep 2018

“Dumela ngwanaka, ke Kuke Kolo, Mokgalagadi wa Kole, ke letsa ke le mo Mmopane Block 1.”

A ke mafoko a a tlwaelesegileng  mo dithulaganyong tsa dipuisanyo mo diromamoweng ka go farologana.

Rre Kolo o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong fa a simolotse go inaakanya le go leletsa Seromamowa sa Botswana ka nako ya moanamisi yo o sa tlholeng a le mo botshelong Rre Godiramang Makhaya.

A re o gwetlhilwe ke dingangisano tse di nnang teng fa go ntshiwa setlhogo mo seromamoweng, ka jalo a simolola go letsa ka bonya ka bonya a bo a tlwaela.

Rre yo wa dingwaga tse di masome a marataro a re go mo jesa monate go leletsa mo seromamoweng mo a setseng a itse dithulaganyo tsa diromamowa e bile a tlwaetse go tsoga gare ga bosigo.

“Mo gare ga masigo, ke a bo ke kalotse matlho ke reeditse Phuthadichaba.

Ga ke rate go sa utlwa setlhogo e bile ke a kgalema fa mongwe a tswa mo go sone, mmele wa me o tlwaetse go tsoga bosigogare go tsena ka nako ya boraro masa a a sa,” a tlhalosa jalo.

O boletse fa mo mosong a batla letshwao la seromamowa sa setlhogo se se tlhabolang mo diromamoweng ka go farologana mme ka nako ya bone go tsena ka borataro mo maitseboeng  a reetse dithulaganyo jaaka

Maokaneng le Tokafatso Maduo mo  Seromamoweng sa Botswana mme mo  Duma Fm a reetse Don-at-night, a tswelela ka gore ka Labotlhano ka nako ya borataro o reetsa thulaganyo ya mmino wa mosakaso ya Gumba-fire mo Gabz Fm.

O bolela fa kgang ya gore o tswa mo setlhogong e mo utlwisa botlhoko ka jaana ene a itse fa a abo a le mo setlhogong.

Rre Kolo a re fa a re ke moruti wa kganetso o a tle a bo a itseetse kgang fela ka jaana dikereke di le dintsi mo Botswana mme le ka fa di tlhalosang lefoko la Modimo ka teng go farologana.

A re ene o tsena kereke ya Old Apostol kwa Metsimotlhabe mme mo seromamoweng a re ga a tsene kereke epe.

O ipoka ka go ipitsa Madakadaka motho wa Ncaa kgotsa Daba Daba Mogobelelo.

Rre Kolo a re o rata dithulaganyo tsotlhe ka jaana di tla ka ditlhogo tse di farologaneng, jalo ga a kake a nopola epe thulaganyo a re ke mmamoratwa.

O bile a tlatsa ka go re o rata lefoko la ‘tanki mpotsa’ e le go fa moanamisi monyetla wa go mmotsa gore a o utlwisisitse kgang e a neng a e ala.

Rre yo o boletse fa a sa itse go opela mme a rata molodi wa dipina tsa Zimbabwe, ka jalo fa go tla nako ya go kopa dipina o itlhamela gore pina e a e batlang ya reng.

“Ke rata pina ya ga Oliver Mtukudzi mme ga ke itse mafoko a yone sentle, e e reng kabura kabura wa nyanya, ae kupe,''a wetsa jalo a ingatile ka setshego.

E re ntswa go na le kakanyo ya gore go leletsa mo seromamoweng go supa fa o na le madi, moreetsi yo wa tlhwatlhwa o tlhalositse goe fa a letsa ka mogala wa letheka o kgona go letsa ka dipula tse pedi.

O tlhalosa fa mo kgweding a dirisa madi a a fetang makgolo a matlhano a dipula go leletsa diromamowa.

E re ntswa a ise a ke a tsene ka kgoro ya borutelo, seo ga se mo kgobe marapo ka epe tsela.

O tlhalositse fa a kopanye le bontsi jwa bareetsi ba ba tlwaelesegileng mo dithulaganyong ba akaretsa Mma Prince, Rre Makhosa, Rre Direlang, Matlholaadibona le ba bangwe.

Mo bokopanong jwa bone ba ikgakolola ka fa e rileng fa ba simolola go leletsa mo seromamoweng go bo go twe ba tshamekisa madi mme mo bogompienong batho bangwe ba re ba ba itsa go letsa.

Rre Kolo a re o tlhaloganya fa diromamowa dingwe e le ‘bulela ditswe’, o bua jaaka a batla fa tse dingwe go na le melao le melawana.

Mogolo yo a re ka nako ya dithulaganyo, o tswela fa ntle go itsa go tlhodia ba lelwapa.

O kgadile batho ba ba tleng ba ree ba lelwapa la gagwe ba re o ja ditlhare ka meno mme a ba gakolole gore fa go ne go le jalo o ka bo a ne a sa letlelelwe go leletsa mo seromamoweng.

Rre Kolo o tlogetse tiro ka bogodi mo tshimologong ya ngwaga mme mo nakong ya gompieno o itshetsa ka go hirisa matlo.

O na le bana ba le bane e bile o nyetse. ENDS

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : MMANTSIE

Event : Potsolotso

Date : 19 Sep 2018