Breaking News

Kebenne o tsene mo ditlhakong tsa ga Ratsie Setlhako

19 Sep 2018

Seletswa sa Setswana, segaba, se tswa kgakala se dirisiwa go itlosa bodutu le go natetsha maitiso le mediro mme mo nakong ya gompieno se dirisediwa go itshetsa le go tsisa diamaleng mo malapeng ka bontsi.

Rre Kaone Kebenne wa dingwaga tse 35, o setse morago motlhala wa bagaka ba maloba jaaka Ratsie Setlhako yo e neng e le moletsi yo mogolo wa segaba, a itsewe ka go se letsa ka bokgabane, go tsamaelana le se a neng a se ntsha ka molomo.

Rre Kebenne o fatlhogile a na le lorato lo lotona mo go letseng segaba, ke sone se a kgonneng le go palama serala go supa bokgabane le botswerere le balekane ba gagwe mo dikgaisanyong tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona.

Dikgaisanyo tseo di file Batswana ba le bantsi sebaka sa go ribolola ditalente tsa bone, tse mo nakong eno bangwe ba tshelang matshelo a a eletsegang ka go lemogwa ga bokgoni jwa bone jo bo ba kgontshang go itshetsa.
 

Ka 2012 ene le ba bangwe ba ne ba fiwa sebaka sa go rutuntshiwa ke ba Botswana Folklore Assosiation lobaka lwa beke go ithuta go nna batsaya ditshwetso le baatlhodi le go dirisa diletswa tsa Setswana jaaka segaba, setinkane, katara le tse dingwe.

Rre Kebenne o dirile ka lobaka mo go tsa bodiragatsi le mo mminong wa Setswana, a direla ditlhopha tse di farologanyeng tsa lefatshe leno.

Selo se se ne sa mo tiisa moko le go feta ka a ne a lemoga fa e le mogaka a na le dikitso tse a ka di dirisang go itshetsa.

Mo nakong ya gompieno Rre Kebenne ke moatlhodi wa diletswa tsa Setswana yo o rurfaditsweng.

O kile a nna moatlhodi mo mafelong a a farologanyeng jaaka Mochudi,Thamga, Mmadinare, Selibe Phikwe Bobirwa le Tswapong.

“Mo go letseng segaba, ke sale ke simolotse ka 2012 go fitlhelela ngwaga ono ke ntse ke gata fa Ratsie Setlhako a gatileng teng mo seletsweng seo.

Ke ne ke tsaya maemo a ntlha gantsi.

Ke tsere maemo a bobedi ga bedi fela mo dingwageng tseo,” Rre Kebenne a tlhalosa.

Go le gantsi fa a palama serala sa badiragatsi mo mhameng wa dikgaisano tsa segaba ba ba iteisanang borathana le ene o tlhalosa gore ba felela ba ikgogela morago ba utlwa ka fa a kgadikanyang seletswa seo kat eng ga mmogo le molodi wa dipina tse a di itlhamelang.

Ka 2014 ba lekgotla la Botswana Tourism Organisation ba ne ba mo laletsa go tla go diragatsa ka segaba go fetisa molaetsa ka seletswa seo sa ngwao ka letsatsi la ditshaba la bojanala mo Botswana.

Rre Kebenne o diragaditse gape mo meletlong ka go farologana mo lefatsheng leno segolo jang mo Palapye ka a itsewe e le mmantswitswidi mo segabeng, le gone go supa fa e le nnete goora motho go le thebe phatshwa.

Go godisa le go nonotsha bokgoni jwa gagwe o ikaelela go fetisetsa kitso ya gagwe ya segaba kwa go ba ba kwa tlase ba ba nang le keletso ya go itse seletswa seo gore ngwao e seka ya tsena ka lenga la seloko.

“Kana mo malatsing a gompieno bontsi jwa batho ba reetsa thata dipina tsa mafatshe a bophirima mo ba felelang ba tsaya malebela teng go dira mmino.

Ka seemo se setse se tsere phekelo e sele, diletswa di tshwana le segaba ke tsone di ka dirisiwang go latlhela tsina ya ngwao mo mminong ka gore ngwao e fetoga letsatsi le letsatsi,” ga tlhalosa Rre Kebenne.

Monana yo o tlhalositse gore ba lephata la banana, tlhabololo metshameko le ngwao ba tshwanetse go dira botoka ka go ema ka dinao ba ikgolaganya le makalana a a farologanyeng gore a ne a ba akaretsa mo ditirong tsa go rekisa ditirelo tsa bone ka bodiragatsi.

“Go le gantsi go nna go diragadiwa ka diemo tse di amang botsogo, dikotsi tsa tsela le kgokgontsho ka kakaretso mme o fitlhela ba ba maleba jaaka ba botsogo, ba lekalana la dikotsi tsa tsela la MVA ba sa iponatse go tla go sela molaetsa le go lemoga dilo dingwe tse ba ka tswang ba sa di e le tlhoko,” Rre Kebenne a tshwaela.

O kopile bagolo ba motse, Dikgosi, makhanselara le mopalamente go tswa ka maano a mangwe a a ka godisang bodiragatsi le go tswakanya itsholelo ya lefatshe.

Maikaelelo a ga Rre Kebenne ke go ya kwa makalaneng a a maleba go ya go anamisa molaetsa ka dikgwetlho tse di lebaneng lefatshe ga mmogo le go ya kwa dikoleng tse dipotlana go ya go ruta bana ka segaba le tse dingwe.

Rre Kebenne o tlhalositse gore diletswa tsa Setswana ke tsone konokono ya bojanala mo lefatsheng leno ka di ntsha molodi o                                                                                                                                                o tlholegileng e le wa setso e bile fa motho a reeditse pina ya ngwao go motlhofo go tlhalosa gore e dirilwe ke morafe ofe.

A re ba lephata le le tsamaisang bodiragatsi ba tshwanetse ba dira go menagane go rekisetsa makalana ka go farologana bodiragatsi jwa Batswana gore bo aname le kwa mafatsheng a sele a a ka tsenyang letseno ka kwano. BOKUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 19 Sep 2018