Breaking News

Kgosi o kgala borre ba ba dirisang bana botlhaswa

19 Sep 2018

Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng o kgadile a sa kgwe mathe borre ba ba santseng ba amega mo dikgannyeng tsa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Obuseng o tlhalositse fa dikgang tsa tiriso ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo mererong ya tsa tlhakanelo dikobo di tshwenya.

A re ke matlhabisa ditlhong gore e re borre ba tshwanetse go sireletsa bana, ba bo ba ba dira basadi e bile ba kgona go ba ntsha le mo dikoleng.

“Kgang ya tiriso ya bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo dikobo ke molato o o tshwanetseng wa tsewa ka tlhoafalo mme go a swabisa ka jaana bo mmabana ba le maoto a tshupa go bega dikgang tsa mofuta o kwa go ba ba maleba.

Batsadi ba santse ba tlotlile go ja mme seo se dire gore ba tsenye matshelo a bana mo diphatseng,” a rialo Kgosi Obuseng.

O supa gore bontsi jwa dikgang tse ba di itemogetseng e le bogosi ke gore bana ba dikole ba dirisiwa ke borre ba batona e bile bangwe ba bone ba na le malwapa ba nyetse.

A re bana ba tsweletse ka go tswa mo dikoleng ntateng ya boimana mme a kopa batsadi gore ba seka ba ithela moriti o tsididi fela ba sa tseele borre ba ba imisitseng bana dikgato.

A re seo ke matlhabisa ditlhong ka jaana ba senyetsa bana bokamoso mo boemong jwa gore e kabo e le bone ba rutang bana boitsholo jo bo siameng jo bo tlaa tsogang bo thusa go aga malwapa a bone le lefatshe leno.

A re ene jaaka leloko la komiti ya borre ya khansele potlana ya Palapye, ngogola o dirile maiteko a go phutha borre go tswa mo motseng wa gagwe le kwa Malaka go tla go buisanya le bone ka dikgang tse kwa kgotleng mme seo sa thusa go fokotsa dikgang tse le fa go santse go na le matlhasedi a tsone.

 Le fa go ntse jalo, Kgosi a re o itumelela gore dititeo tsa bomme di ne tsa fokotsega mo motseng.

Fa a latlhela tlhware legonnyana, Mokhanselara Charles Mabjeng o ne a supa fa bana e le teemane e e tsogang e belege lefatshe, ka jalo e tshwanelwa ke go babalelwa.

O ne gape a re tshireletso ya ngwana wa mosetsana ga e a tshwanela go tsewa lolea ka jaana mosadi e le thari ya setshaba.

Rre Mabjeng a re borre ba tshwanetse ba fetola maitshwaro a bone, a supa fa dipego tsa bosheng tsa dipolao tsa bomme go akarediwa le e e neng e bolelwa thata ya mme yo o bolailweng kwa Tlokweng a bo a kgaolwa tlhogo di tshwenya.

Go ya ka mokhanselara, fa motsadi a amogela mephuthelwana e bana ba tlang ba e reketswe ke borre ba batona mo go bone, o a bo a dira setlhabelo ka ngwana wa gagwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, boeteledipele jwa motse bo ne gape jwa ngongoregela go thujwa ga matlo le mabentlele mo motseng go utswiwa dijo le dithoto tse dingwe.

Ba re banana ba tshwanetse ba leka thata go batla ditiro go na le gore ba ineelele bogodu jo e tlaa ba senyetsang bokamoso.

Kgosi o ne a re gantsi go thubelwa go bona sengwe se se ka rekang dinno-tagi.

A re botsadi le jone e kete bo rotloetsa mokgwa o ka jaana e setse o kare lelwapa lengwe le lengwe le rekisa nnotagi mo motseng le ntswa ba sena diteseletso. BOPA

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 19 Sep 2018