Banana ba itlhotlhora lehuma
19 Sep 2018
Fa ba lemoga gore ba faraferwe ke dikgwetlho ka ntlha ya letlhoko la ditiro, borre Kenny Semang le Tefo Thipane ba ne ba inaakanya le go itirela ka diatla.
Bobedi jo bo direlang mo kgotleng yoora Mongala kwa Kanye, ba inaakantse le go betla ditafole, ditilo, ditshwantsho le go bopa dipitsa tsa dithunya ka fa tlase ga leina la Kensem Investment.
Rre Semang yo o dingwaga tse 34 go tswa kwa Mabule le Rre Thipane yo o dingwaga di 20 wa Kanye ba ne ba ikopanya ngwaga o simologa go lwantsha letlhoko la ditiro le le ba apereng.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA Rre Semang o tlhalositse fa go itirela ka diatla go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone e bile go ba fapha mo ditirong tse di sa siamang tse di amanngwang le letlhoko la ditiro jaaka botlhokatsebe le tiriso botlhaswa ya dino le diritibatsi.
A re dipoelo tsa kgwebo ya bone di a nametsa e bile go na le pharologanyo mo matshelong a bone.
“Tiro ya diatla e botlhokwa, motho o ka inosa metsi fa a ka e tsaya tsia, ga go tshwane le fa motho a ntse ka mabogo,” a latlhela.
Rre Semang o tlhalositse fa ba simololetse kgwebo ya bone ka go ipolokela tse a neng a di ipeela a santse a bereka tiro ya nakwana.
A re ba tlhotlheleditswe ke go bona botshelo bo thatafalela pele mme ba na le diatla tsa go ka iphataphatela.
O tlhalositse fa ba dirisa dipolanka tse di latlhwang kwa mabentleleng a tsa kago, dimente, pente ga mmogo le diterata.
O supile fa ba bapatsa kgwebo ya bone ka go ipolelela batho, le ka go rekisetsa mo lefelong le go fetang batho ba bantsi teng ebile ba eletsa go ka e bapatsa mo maranyaneng a facebook.
Rre Semang o kaile fa letlhoko la madi go ka reka didirisiwa tse di maleba le letlhoko la lefelo e le mmaba mo kgwebong ya bone, a tlhalosa fa ba eletsa go ka akola mananeo a puso gore ba atolose kgwebo ya bone.
A re ba tlaa dira sengwe le senngwe se se tlhokegang go ka fitlhelela toro ya bone ka ba na le tsholofelo e e nitameng ya go ka godisa madirelo.
“Re kopa thotloetso le kemo nokeng mo Batswaneng ka kakaretso gore re ikinole mo manokonokong a letlhoko, re ka kgona fela fa ba ka re ema nokeng,”a latlhela.BOPA
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 19 Sep 2018



