OAIC legae la dikereke tsa semowa
19 Sep 2018
Mothusa mokwaledi wa lekgotla la dikereke tsa semowa la Organisation of African Instituted Churches (OAIC) Rre Sizo Dibebe o rotloeditse dikereke tsa semowa tse di sa ikwadisang le lekgotla leo go ikwadisa.
Mo puisanong le BOPA mo Tsabong o boletse fa OAIC e le legae la dikereke tsa semowa lefatshe ka bophara ka ke gone kwa di rutanang le go abelana dikitso, maele le dikgakololo tsotlhe teng.
Rre Dibebe o ne a tlhalosa fa ‘bana ba tshipa ba itsanye ka mereto’ mme ke sone se mabutswapele a neng a lemoga fa e le maloko a dikereke tsa semowa tse di farologanyeng mme ba le mekgwa mengwe fela jaaka tiriso ya ditloloko, sekupu, go opa diatla, diphala, seaparo se se tshwanang le gone go kolobetsa ka go tshwana.
A re ba ne ba thulanya ditlhogo gore ba tshwaragane ba nne seopo sengwe mme kwa bofelong go se nne le kereke epe e e thubegang.
O supile fa ba ne ba dumalana ka lekgotla la OAIC le le neng la simolodisiwa ka 1978 kwa Cairo, Egepeto, ka maikaelelo a go kopana e le dikereke mo lefelo le le lengwe go rutuntshana le go fana maele a go ka godisa dikereke gammogo le go ikgodisa mo tumelong ya sekeresete.
A re ka go anama ga OAIC lefatshe la Afrika ka bophara, lekgotla le ne la tlhangwa le mo Botswana ka 1985.
O supile fa mo lefatsheng leno lekgotla le setse le kwadisitse dikereke tsa semowa di le 172.
O supa fa e ne ya re morago ga go rolwa semmuso ga lekgotla mo Tsabong ngogola go ne ga nna le mokete o motona wa dikereke tsa semowa wa moopelo wa sedumedi e le gone go gwetlha dikereke tsa semowa ka lekgotla mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Rre Dibebe a re lekgotla le kopana le kgwetlho ya gore dikereke di santse di le maoto a tshupa go ikwadisa ka di sena kitso ka ga OAIC, jalo e le lekgotla ba tlaa tshwara thuto-puisanyo kwa metseng e e farologaneng go rutuntsha dikereke ka lekgotla le gore ba nne le lesedi ka ga lone.
O ne a tlatsa ka go kgothatsa dikereke tse di setseng di ikwadisitse go tswelela di le seopo sengwe ka mowa wa popagano, tirisanyommogo, lorato le kutlwano mo ditirong tse di farologaneng tsa sedumedi ka se ke sone se se ka ba kgontshang go fenya dira le meleko.BOPA
Source : BOPA
Author : Moemedi Dikodi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 19 Sep 2018



