Breaking News

Bangwato ba gopola Kgosi Tshekedi Khama

18 Sep 2018

Bangwato ba Pilikwe e rile ka Matlhatso ba bo ba tshegeditse moletlo wa go ipelela letsatsi la motshwarelela bogosi jwa Ga-Mmangwato wa pele Kgosi Tshekedi Khama.

Rre Diphimotswe Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a berekile le dikgosi tse dingwe tsa lefatshe leno mme ba nna le seabe mo go tsiseng kgololesego mo mafatsheng a SADC a tshwana le Namibia, Lesotho, Zimbabwe le Swaziland.

A re Kgosi Khama o ne a bereka ka thata go letlanya Bangwato fa go na le dikgobero.

Rre Koloi o bolotse fa Kgosi Khama a tsene sekole se sebotlana sa Khama Memorial.

“Ke tsamaile le ene botshelo jwa gagwe go ya go tsena ka lebaka le a ileng a simolodisa kago ya dikolo mo dikgaolong tsa bo Nata. Ke sone se o boneng dikolo di aname go simolola mo kgaolong ya ga mmangwato go fitlha ko bo Nata” a bua jalo.

A re Kgosi Khama o ne a phutha mophato mme ba aga sekole sa Moeng College se se setseng se alositse barutegi ba tlhwatlhwa bangwe ba bone e setse e kile ya nna baeteledipele ba lefatshe leno jaaka tautona wa boraro wa Botswana, Rre Festus Mogae.

O kaile fa ka thuso ya mohumagadi wa gagwe, e bong Ella Khama yo o neng e le mooki, Kgosi Khama a ne a tsaya karolo mo kagong ya kokelwana ya Pilikwe.

Rre koloi a re Kgosi Tshekedi o ne a simolodisa mokgatlho wa Bangwato Development Association ka 1958 ko Pilikwe morago ga go tsaya malebela kwa lefatsheng la Rhodesia.

Mopalamente wa kgaolo eo, Mme Dorcas Makgato a re moletlo wa go ipelela letsatsi la ga Kgosi Tshekedi Khama o tshwanetse go tokafadiwa go supa fa e ne e le mogaka yo o diretseng Bangwato le Batswana ka kakaretso ka botswapelo mme ebile a tshepisa

Bangwato gore o tla tsaya karolo mo go tokafatseng moletlo oo.

A re Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motho yo o neng a itlhaloganya, e le senatla, e le motho yo o nang le maikaelelo a go bereka ka thata, a dirisa tlhaloganyo le maatla a gagwe.

“Keletso ya me ke go bona lefatshe la rona le kwatabolola mo go Kgosi Tshekedi Khama gore le tswelele pele ka e ne e le motho yo a neng a dumela mo go berekeng ka natla le mowa wa go ipelega” a bua jalo.

A re ga go a lekana gore Bangwato ba ipelele Kgosi Khama, mme a supa fa ba tshwanetse go gata mo motlhaleng wa gagwe ka go dira ditiro tse a di dirileng e le tsela nngwe ya go supa serodumo sa gagwe.

Mme Makgatho o kaile fa keletso ya gagwe e le go bona go kwadilwe buka ka ditso tsa ga Kgosi Khama, selo se a tlhalositseng fa se ka gwetlha dikokomane go gata mo motlhaleng wa gagwe.

O supile fa Kgosi Khama a ne a na le bokgoni jwa go aga setshaba mme e bile a rotloetsa mowa wa popagano, ke ka moo a kgonneng go aga kokelwana le sekole kwa Pilikwe.

Mme Makgatho o kopile Bangwato go bopagana mo go somareleng serodumo sa ga Kgosi Khama, mme a ba gwetlha go ikopanya le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go kopa dithuso.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe o ne a supa fa Kgosi Tshekedi Khama le kgosikgolo waa pele wa Bangwaketse e bong Kgosi Bathoen II e ne ya nna bangwe ba dikgosi tse di lwetseng lefatshe la Botswana, ka jalo a supa fa Bangwato le Batswana ka kakaretso ba sa dire mo go lekaneng go lemoga dikgosi tseo.

“Re na le go lebala sengwe, re bua thata ka dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopa tshireletso kwa ga Mmamosadinyana, mme re lebala dikgosi tse di neng tsa tshwara lefatshe la Botswana morago, ebong Kgosi Tshekedi Khama le Kgosi Bathoen II,” a bua jalo.

Moemedi go tswa kwa lelwapeng loora Khama, Rre Ogaisitse Khama a re Kgosi Khama e ne e le mogaka yo o diretseng lefatshe la Botswana le Afrika ka bophara ka bonatla le botswerere mme mo bogompienong Bangwato ba mo diretse phoso ka go tlhoka go mo tlotla le go mo fa tshwanelo ya gagwe.

Dingwe tsa ditso tse di kwadilweng tse Kgosi Khama a itsegeng ka tsone ke go bo a kile a kgwathisa motho mosweu Phineas Mclntosh ka dingwaga tsa bo 1930 morago gore a tlhoke go itsaya sentle kwa Serowe.

Kgosi Tshekedi Khama e ne e le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato go simolola ka 1926 go fitlhelela a tlhokafala ka 1959, a tshwareletse Kgosi Seretse Khama yo e bileng e ne e le tautona wa ntlha wa lefatshe leno.

Kgosi Tshekedi Khama o tshotswe ka 1905 kwa Serowe e le ngwana wa ga Kgosikgolo Khama III le Mme Semane.

O tsene sekole se sebotlana kwa Serowe Public School go simolola ka 1912 go fitlha ka 1916, mme morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa Lovedale College ka 1917 go fitlha 1921.

O ne a tsweledisa dithuto kwa South African Native College kwa Fort Hare go simolala ka 1923 go fitlha ka 1925.

Kgosi Tshekedi Khama o ne a tsena mo nyalong le Mme Ella Moshoela ka 1938 kwa Mafikeng, mme ba segofadiwa ka bana ba le batlhano ebong Leapetswe Khama, Sekgoma Khama, Semane Khama, Modiri Khama le Mphoeng Khama. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PILIKWE

Event : Phuthego

Date : 18 Sep 2018