Breaking News

Tshireletso o gwetlha dikomiti go bereka ka natla

18 Sep 2018

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kopile dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo le go lemoga fa komiti e tsamaisiwa ka molao e bile e na le dithata tsa go seka le go sekisiwa.

Mothusa tona o buile se le dikomiti tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya Shoshong kwa kgotleng ya Shoshong bosheng.

Mme Tshireletso a re puso e lebeletse mo go tsone go e thusa go fitlhelela ditlhabololo mo metseng.

A re ke tiro ya dikomiti ke go loga maano a go tlhabolola metse gammogo le go netefatsa gore mananeo a puso a a diragadiwa ka go baya leitlho ditiro tsa ditlhabololo kwa metseng.

Mme Tshireletso a re o gakgamadiwa ke go bo diVDC tsa malatsi a di sena lenaneo.

A re tsa maloba di ne di itse gore go mo maruding a tsone go bona gore metse e a tlhabologa le ntswa ba ne ba se na ditsompelo tse di lekaneng.

O kgadile dikomiti go baya mo go kgosi, mmaboipelego le mokhanselara gore e nne bone ba ba akanyetsang motse gore o ka tlhabololwa jang.

Mme Tshireletso o ba gakolotse fa ba tshwanelwa ke go itse fa ba sa hirelwa Ipelegeng mme ba tlhophetswe go tswa ka ditsela tsa go tlhabolola motse ka e le tiro ya bone go nonotsha matshego a puso ya batho ka batho.

A re VDC e tshwanetse ya lomaganya dikakanyo tsa morafe le puso ka dikgang tsa ditlhabololo.

VDC a re e tshwanetse ya itse ka matshelo a batho mo motseng, ba thuse ba boipelego go ba lemotsha malwapa kana batho ba ba maleba go ka thusiwa ke puso.

Go sa dira jalo Mme Tshireletso a re ke gone go bakang go fitlhela batho ba ba tshwanelwang ke dithuso ba sa di bone, di fiwa ba ba kgonang go itirela ka diatla tsa bone.

Mme Tshireletso o gwetlhile dikomiti go ipeela dielo mo ditirong tsa ditlhabololo a re se se ka ba tshegetsa le go dira gore maloko a nne boikanyego le go dira ka natla mo tirong.

O ba gwetlhile go dirisanya le dikomiti tse di farologanyeng tsa motse, makalana a a ikemetseng ka nosi gammogo le batsaya karolo ba bangwe mo setshabeng go tlhomamisa gore ba diragatsa maikemisetso a bone.

Mo go tse dingwe mothusa tona o kopile dikomiti go thusa go lwantsha kgokgontsho e e diralelang bomme le bana ka go baya leitlho, go bona gore bomme le bana ba tshela ka kgololesego.

Fa ba akgwa mothusa tona dikgaba modulasetilo wa VDC ya Mmutlane, Rre Mhiko Kekwaletswe o lebogetse dikgakololo a bo tshepisa fa ba tlaa di sala morago.

Rre Kekwaletswe o tlhalositse fa go le boammaruri dikomiti di le maoto a tshupa mo go tlhabololeng motse mme a itela mo go mothusa tona ka motlhaba o o tsewang kwa Mmutlane a re ke yone teemane fela e e ka bong e ba tsenyetsa madi.

Mme Dikeledi Gaeneleng a re bokoa jwa dikomiti bo tsalwa ke go nyatsana.

O tlhalositse fa ba gatetse pele ka dikgang tsa go lwantsha kgokgontsho ya bana, mme a gwetlha dikomiti go nna tlhaga le go tsena mo diofising tse di maleba go ba lebisa matshwenyego a bone gore ba kgone go isa ditlhabololo tsa metse ya bone pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 18 Sep 2018