Osenoneng o kgabisa malwapa
18 Sep 2018
Jaaka puso e rotloetsa mowa wa boipelogo, banana bangwe ba tsweletse ka go tla ka maano a a ka ba thusang go tswa mo lehumeng le letlhoko la ditiro.
Rre Robert Osenoneng wa dingwaga tse masome mabedi le borataro ke mongwe wa banana ba ba itlhametseng mmereko ka go dira le go rekisa mekgabisa e e dirilweng ka mebu e e faraloganeng le matlhare a ditlhare e bo e tsenngwa mo mabotlolong a phatsimang.
Monana yo o tlholegang kwa Khawa mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa o boletse fa a ne a fudugela kwa Tsabong morago ga go kokonelwa ke lehuma kwa gagabo.
Rre Osenoneng a re maikakelelo magolo a go fudugela Tsabong e ne e le go tla go batla tiro, mme e rile go itemogela fa go sena ditiro, a batla sengwe se a ka se dirang go itshetsa.
A re o ne a lemoga fa ditiro tsa diatla di le bogadi bo gaufi e bile batho bangwe matshelo a bone a fetoga ka tsone.
A re dingwe tsa ditiro tse ga di tlhoke dithutego tse dikalo mme motho a kgona go di dira fela fa a na le lorato mo go tsone ebile a sa di ela sekolong, ka e le talente fela e tswang kwa Modimong.
Rre Osenoneng a re o ne a gwetlhega go dirisa diatla go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka le ene a ne a lemogile fa a na le lorato mo go tsa botaki.
A re e ne ya re Mopitlo a rogwa a phutha mebu e e farologaneng le mabotlolo ka go farologana ka e ne e le one a neng a tlhoka go dira mekgabisa ya gagwe.
Rre Osenoneng a re o dirisa mmu, molora wa leiso, bopere jwa ditonki le matlhare a ditlhare go dira mekgabisa ya gagwe.
A re o dirisa gape le matlapana a mahibidu a a a tsayang kwa lekhubung lengwe gone mo Tsabong mme a a sile go dira mmu.
A re morago ga go kgobokanya tse tsotlhe o tsenya mmu ka go tlhomagana e bile o farologane ka mebala mo teng ga mabotlolo go dira mokgabisa o a o batlang.
O tlhalositse fa mokgabisa o, o itshupa kwa ntle ga lebotlolo.
Rre Osenoneng a re e ne ya re pele ga a simolola kgwebo a ipeela seelo sa gore a dire mekgabisa e le lekgolo le masome a matlhano mo lebakeng la kgwedi tse tharo.
A re lebaka la gore a bo a ne a ipeetsee seelo se ke gore kgwebo ya gagwe e ne e sa mmatle madi ape ka didirisiwa tsotlhe tse a neng a di tlhoka di le teng mo tikologog ya gagwe.
A re dingwe ditshwarego tsa selegae di ne tsa mo patika gore a seka a kgona seelo se a neng a se ipeetse sa go dira mekgabisa e lekgolo le masome a matlhano.
Rre Osenoneng a re o ne a tswelela fela ka mekgabisa e a neng a setse a e dirile ka maikaelelo e ne le go bona gore a Batswana ba tlaa amogela kgwebo ya gagwe.
A re maikaelelo a gagwe e ne e le go dira a bo a rekisetsa diofisi, batho ka bongwe ka bongwe ba ba batlang go kgabisa malwapa a bone le dikgwebo di tshwana di hotel.
A re o ne a simolola go bapatsa kwebo ya gagwe mo maranyaneng a facebook a bo a e bulela tsebe e e bidiwang OseOba Artworks, gore Batswana ba e bone, o ne gape a ema fa pele ga marekisetso a Shoppers mo Tsabong go supa mekgabisa e a e dirileng gore batho ba batlang go reka dijo mo lebentleleng ba tle ba e bone.
Rre Osenoneng a re o a ema fa Shoppers fa kgwedi e fedile ka a ne a itse fa nako e e le yone bareki ba nnang ba ntsi thata mo marekisetsong ao.
A re ya re go itemogela fa batho ba kgatlhegela kgwebo ya gagwe a etela khansele-potlana ya Kgalagadi Borwa go kopa dikgakololo ka a ne a na le keletso ya go bona kgwebo ya gagwe e atologile e bile e na le lefelo le e direlang mo go lone.
O boletse fa a ne fiwa dikgakololo tse di neng tsa mo tiisa moko gore a seka a ipona tsapa le go tswelela ka kgwebo ya gagwe.
O tlhalositse fa a emetse gore lephata la banana le bulele dikopo ka a itse fa tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, gore a tle a tsenye ikopelo ya gagwe ka kgwebo ya gagwe e sena lefelo le e direlang mo go lone a direla mo lwapeng e bile go na le dilo dingwe tse bareki ba gagwe ba mo kopileng go di dirisa go tlhabolola mekgabisa ya gagwe.
A re kgwebo ya gagwe e kopana le dikgwetlho di tshwana le ya gore bareki bangwe ga ba itumelele mabotlolo a a a dirsiang ba ne ba eletsa gore a direle mo sebeelong sa dithunya se se tona se se galalelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshwarelo Tsholofelo
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 18 Sep 2018



