Batsadi ba tshwanetse go nna podimatseba
18 Sep 2018
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la CEDA Rre Andrew Madeswi o kopile batsadi go nna kelotlhoko mo go se bana ba bone ba se ithutang.
A re ntswa go na le tsa maranyane tse gantsi baithuti ba di dirisang kwa malwapeng di tshwana le Internet tse di ba thusang mo dithutong, ga go a tshwanela go leselediwa fela.
Rre Madeswi o ne a bua jalo kwa kabong ya dimpho ya sekole se segolwane sa Sefhare bosheng.
A re mo dipakeng tsa gompieno ditsela tse moithuti a ka di dirisang go ithuta di dintsi.
A re batsadi ba tshwanelwa ke go betla bana mme ba itse fa maitseo a ngwana a simolola kwa lwapeng.
A re go dira sentle kwa sekoleng go tshwanetse go tsamaelane le maitseo a a siameng.
O ne a rotloetsa baithuti ba sekole se segowane sa Sefhare go rata dithuto ka e le tsone di ba betlelang isago.
A re thuto ke yone modi wa sengwe le sengwe.
O ne a itsese batsadi ba ba neng ba tseneletse kabo ya dimpho fa lekalana la CEDA le tlhametswe Batswana gore ba adime madi mo go lone mme ba ipulele dikgwebo ba kgone go itshetsa ba bo ba direla Batswana ba bangwe ditiro.
A re fa ba sekaseka dipalo, go supafala fa banni ba Sefhare/Ramokgonami ba sa akole dithuso tsa CEDA, ka jalo o ne a ba solofetsa fa ba tlaa bula ofisi e e mo kgalong ya Sefhare/Ramokgonami gore banni ba kope dithuso segautshwane.
A re ga go motlhofo gore lekalana la CEDA le tle pitsong e tshwana le ya kabo ya dimpho mme ba ne ba sekaseka taletso ya sekole seo mme ba lemoga fa ba tlhoafetse mme ba ka rata go amanngwa le bone.
O ne a abela sekole seo dibalamakgolo di le pedi.
Mogokgo Bauni Phuthego a re sekole sa gagwe se ka tswa se le sennye mme se na le maikaelelo a a kgatlhisang.
A re ba na le maikaelelo a go ntsha ngwana yo o tlaa gaisang ba bangwe lefatshe ka bophara mme a kgone go isiwa ke puso kwa sekoleng se se faphegileng.
mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Mme Dorcas Makgato o o ne a abela moithuti yo o gaisitseng ba bangwe sebalamakgolo.
A re o ne a itlama gore o tlaa abela moithuti yo o dirileng sentle sebalamakgolo seo gore a kgone go tswelela a ithuta sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEFHARE
Event : Phuthego
Date : 18 Sep 2018



