Ditlou di ralala motse
18 Sep 2018
Banni ba Sexaxa, mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba lela ka ditlou tse di ralalang motse ba re di tsenya matshelo a bone mo kotsing.
Go ya ka bontsi jwa banni ba, ba ba tshelang ka go itshwarela ditlhapi mo nokeng ya Thamalakane, mo bosheng ditlou di ne tsa ralala motse wa bone ka dipalo tse ba sa di tlwaelang.
Mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa batshwari ba ditlhapi, Rre Letlhogonolo Motlale yo o dingwaga di masome a mane le borataro o supile fa ditlou tseo di tsamaya le bana, ka jalo nako e ntsi ba tshwarwa ke matloa a ba thaileng ditlhapi ka one, mme ditlou tse ditona di tenege di phuthaphuthe matloa ao.
A re se se dira gore ba boe ba iphotlhere ka ba fitlhela matloa a tsamaile, a tlatsa ka go re mo nakong eno le go thaisa ditlhapi ba setse ba itsapa, mme se, se ba baya ka fa mosing ka ke tsone fela ba itshetsang ka tsone.
Mongwe wa banni, mme ene e le molemi Rre Shumba Moesi, o ne a bua a sa kgale mathe ka fa ditlou di senyang masimo ka teng. A re ditlou di ja ditlhare tsa mokolwane le motjiarana.
Rre Moesi a re le fa ditlhare di le mo lwapeng, ditlou di a tsena mme di nne diphatsa mo matshelong a bone, a tlatsa ka go re nako e ntsi di nna bogale ka dintsa di a bo di di bogola.
A re fa go le bosigo ba tshaba go tswela kwa ntle.
O tlhalosa gore le bana ba bone ba tsena morago ga nako kwa sekoleng ka ba tsoga bo sele ntateng ya ditlou .
Banni ba supile fa ba lephata la diphologolo ba leka ka bojotlhe go ka koba ditlou tse mme di boa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oratile Mothibedi
Location : SEXAXA
Event : Potsolotso
Date : 18 Sep 2018



