Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa loso

18 Sep 2018

Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba shetseng mo ntlong kwa Kanye bosheng mme yo mongwe a tlhokafala.

Fa a bua mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale a re e ne ya re bosheng ba amogela pego ya molelo kwa kgotleng yoo Ruele mo Kanye.

A re mme yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa o ne a lotleletse bana ba gagwe mo ntlong ya phiriso maitseboa a re o boa golo gongwe ka pele mme bana ga lemotshega fa ba ne ba sala ba tshameka ka ditlhokwa tsa molelo.

A re mme yoo o ne a tlogela ngwana yo monnye a robetse.

O ne a tlhalosa fa e rile mo go tshamekeng ka ditlhokwa tsa molelo ba di tshubile lengwe lwa wela mo godimo ga bolao mme la fisa kobo, ka jalo ga tlhagoga molelo.

Rre Mogale a re bana bao ba  dingwaga tse tlhano, bone fa yo monnye a ne a le ngwaga le dikgwedi sisupa. 

A re go lemogeng fa molelo o kapile dikobo, bana ba bagolwane ba ne ba kua, baagisanyi ba tsibogela mokgosi wa bone mme ba fitlhela go lotletswe e bile ntlo e phephetha mosi.

Rre Mogale a re beng ba lolwapa ba ne ba bula ntlo eo mme ba kgona go falotsa bana bao, a tlhalosa fa ba bagolwane ba ne ba sa gobala fa e se yo monnye yo molelo o o neng o mo fisitse thata mo maotong. 

A re ngwana o ne a ragosediwa kwa bookelong, kwa e neng ya re moragonyana ka Tshipi ga begwa fa a tlhokafetse. 

O kopile setshaba go ikgapha mo go tlogeleng bana ba banye ba le bosi go sena yo mogolwane mo go bone mo matlong ka bana ba rata go lekeletsa dilo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 18 Sep 2018